Breaking News

Polotiki ga se ya badiri ba puso- Morupisi

09 Mar 2014

Mookamela lephata la khiro ya badirelapuso Rre Carter Morupisi, o kopile badirelapuso ba maphata a farologaneng go ikgapha mo dipolotiking ka a re go dira jalo go ka ba kgoreletsa go direla setshaba ka tekatekano.

O boletse se mo phuthegong e a neng a e buisa kwa Mahalapye bosheng, a tlhalosa fa go itshunya nko mo dipolotiking ga badirelapuso go ka ba kgoreletsa  go isa ditlamelo kwa bathong ka nako e tshwanetseng, a tlatsa ka gore go ka tsala le lefufa la go hirana ka sepolotiki mo ditirong.

Rre Morupisi a re ere ntswa badirelapuso ba na le tshwanelo ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba, gone ga ba tshwanela go supa mebala ya diphathi tsa bone mo mpepeneneng, le fa ele go nna le seabe mo ditlhophong tsa peo-letlhokwa ka go dira jalo gole kgatlhanong le molao.

O boleletse badirelapuso bao ba ba neng ba tswa mo maphateng a le masome a mararo le motso, go balelwa makgotla a ditsheko tsa Setswana, makgotlana a kabo ditsha le khansele, fa dipatlisiso kana ditshekatsheko tse di dirilweng di supa fa badirelapuso ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka go direla dilo mo pontsheng; go tlhaelelwa ke boroko; go tlhoka tirisano mmogo mo tirong; go tlhoka go isa ditirelo ka nako e tshwanetseng kwa bathong le go tlhoka go bolelela setshaba boammaruri ka ditsamaiso tsa maphata a bone.

Rre Morupisi o tlhalositse fa go nna boitseme mo tirong le go tlhoka go berekela mo nakong ele dingwe tse di paledisang bagwebi ba mafatshe a sele go tla go gweba mono ntswa ele bone ba ka thusang go tokafatsa matshelo a Batswana ka go ba direla diphatlha tsa mebereko le go tsosa itsholelo e phutlhamisitsweng ke go wela tlase ga itsholelo ya mafatshe.

Mo phuthegong eo, e neng e tshwaretswe kwa ntlolehalahala ya motse, badirelapuso ba ne ba ngongorega ka tlhaelo ya bodiredi, letlhoko la boroko, dituelo tse di kwa tlase, letlhoko la dipalamo le go atlhama ga kgaolo potlana ya Mahalapye e akaretsang dikgaolo tsa botlhophi tsa Shoshong, Tswapong Borwa, Mahalapye Botlhaba le Bophirima.

Bangwe ba batho ba ba neng ba tsene phuthego eo, ene ele molaodi wa kgaolo ya Mahalapye, Rre Bakuedi Masole; mokwaledi wa khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Motlogelwa Thuso; mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe le Kgosi Galeakanye Modise gotsweng kwa Sefhare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 09 Mar 2014