Khansele ya Palapye e aba matlo
09 Mar 2014
E rile bosheng modula setilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onneetse Ramogapi a abela malwapa mangwe dilotlele tsa matlo a ba a agetsweng ke khansele potlana ya Palapye.
Rre Ramogapi o ne a tlhalosa fa go agela batho matlo e le go rurifatsa moono wa ga Tautona wa 5D’s mme thata a remeletse mo go wa ditlhabololo le serite, se se raya gore motho o tshwanetse a nne le fa a ka latsang tlhogo teng.
Rre Edward Nakedi, motlhatlhobi wa dikago mo kgaolong potlana ya Palapye , o tlhalositse fa matlo otlhe a a agilweng mo kgaolong eo a le masome a matlhano le bosupa, mme a a agilweng kwa motseng wa Tamasane a le boferabongwe , a le boferabobedi a fedile go setse e le nngwe.
Mo go one matlo a masome a matlhano le bosupa a, batho ba ntlha go a amogela ke Mme Godisamang Moakofi le Mme Gontshang Bagaisamang, ba botlhe ba supileng boitumelo jo bogolo ba bo ba solofetsa go tlhokomela matlo ao.
Kgosi Roman Mpule wa Tamasane o ne a supa boitumelo jo bo tona fela thata, mme a gatelela kgang ya gore batho ba seka ba lwela matlo a ka gore ke a bone botlhe mo lwapeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaerobale
Location : TAMASANE
Event : Kabo Dimpho
Date : 09 Mar 2014






