Popagano ya bagwebi ke konokono
09 Mar 2014
Bagwebi ba ba botlana ba tshwanetse go ikitaya ka thupana, ka go dira mmogo, go lepalepana le seemo sa phadisano e e kwa godimo go tswa mo mabenkeleng a matona le dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a mangwe.
Moemedi wa lekalana la Local Enterprise Authority (LEA), Mme Boikhutso Komanyane, o boletse jalo kwa moletlong wa go keteka letsatsi la barekisi mo kgaolong ya Borwa Botlhaba bosheng. Mme Komanayane o boletse gore beng ba dikgwebo ba ikopanye go amogana megopolo, ba bo ba bone gore dikgwebo tsa bone di ka atlega jang.
O boletse fa kgwebo e na le dikgwetlho tse di amang bagwebi ba ba botlana bogolo thata ba Batswana. Mme Komanyane o ne a ba tlhagisa gore fa ba sa itshware sentle, ba tlaa latlhegelwa ke bareki.
A re ka jalo go botlhokwa go ntsha ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo, ka nako le madi a a dumalanweng. Mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa Botlhaba, Mme Tshepo Kebakile, a re maikaelelo a kopano eo ke go rotloetsa theko ya dilwana tsa mo gae.
Mme Kebakile a re kopano eo gape e ne e tshwaretswe go bapatsa dithoto tse di dirilweng ka thulaganyo ya nyeletso lehuma le go rotloetsa setshaba, puso le makalana a a ikemetseng ka nosi go tshwara ka thata mo go diragatseng ditiro tse di neelang batho dithata tsa itsholelo.
Rre Tshekiso Sorinyane, modulasetilo wa khansele, a re ka malatsi ao a ipapaptso khansele e kgona go kanoka bagwebi ba ba botlana sentle kgwedi le kgwedi.
A re ba lemogile gore bontsi jwa dikgwebo tse dipotlana di a phutlhama ka go bo beng ba tsone ba sena kitso e e kalo ya go di tsamaisatsa. Rre Sorinyane o ne a rotloetsa bagwebi ba ba botlana go tlhwaafalela dikgwebo tsa bone gore di gole di atlege. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la barekisi
Date : 09 Mar 2014






