Thotloetso ya bomme e santse e reketla
09 Mar 2014
Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu a re lefatshe leno le fa le gatetse pele mo dikarolong di le mmalwa mo tekatekanong ya bong, go tlhoka gore go dirwe go le gontsi go itebaganya le go tsaya karolo le boemedi jwa bomme mo maemong a boeteledipele.
A re bomme ba ka supa bokgoni jwa bone fela fa ba filwe sebaka sa go bona thuto le go tsaya karolo ka botlalo mo ditshwetsong tsotlhe tse di dirwang mo setshabeng.
Ka jalo Rre Batshu a re maitlamo a tebelopele ya setshaba ya 2016 a ka se kgone go fitlhelelwa fa bomme ba e leng sephatlo mo lekgolong (50 per cent) mo lefatsheng leno ba na le dikgoreletsi tse di ba itsang go tsenya letsogo mo ditlhabololong ka botlalo.
A re tekatekano fa gare ga bomme le borre, basimane le basetsana, e ka fitlhelelwa fela fa tshaba e ka fetola ka fa e dirang dilo kateng ka jalo ga nna le kutlwelobotlhoko le neelano.
Rre Batshu a re go tlhoka tshwaragano le go itlama go fetola seemo gore e nne se se rotloetsang bomme go tsaya seabe se se maleba mo ditlhabololong, mo matshelong ka kakaretso, mo sepolotiking le mo go tsotlhe tse di tokafatsang itsholelo mo magaeng ka se se katokafatsa seemo sa bone go fitlhelela tekatekano ya bong.
O boletse fa go le botlhokwa gore go ithutwe go bo go rotloediwe ba bangwe go tlotla se bomme ba leng sone le gone go nna le seabe se se nonofileng go fedisa kgethololo mo go bomme mo makalaneng otlhe go akaretswa ko ditirong, mo ditumelong le ko malwapeng.
A re seabe sa bomme mo ditlhabololong ga se a tswanela go tsewa se le lolea fela ka jalo bomme ba tshwanelwa ke go akola ditswanelo tsa bone tsa setho le kgololesego jaaka batho botlhe e kabo e le ko malwapeng kana mo setshabeng.
Rre Batshu a re letsatsi la mafatshefatshe la bomme ke le ka lone go tshwanetseng go lemogwe diphitlhelelo tse ba di kgonneng go sa kgathelesege gore ke ba letso lefe, merafe efe, seemo sa bone sa itsholelo kana sa sepolotiki.
A re ke sebaka sa gore go lebiwe dikgwetlho tse bomme ba kopaneng le tsone le tse ba di kgonneng. A re mebuso ya lefatshe ka bophara le lefatshe la Botswana le le moteng e itlamile go rotloetsa tekatekano ya bong mo mananeong otlhe a ditlhabololo le maiteko a go tsibogela letlhoko la bomme le borre.
Rre Batshu a re go tlhomiwa ga lephata la merero ya bong mo lephateng la pereko le selegae ke maiteko a ka one goromente a ikaeletseng go tlhomamisa gore letlhoko la bomme le borre le a itsiwe le bo le arabiwa. A re puso e kgona go lemoga diphitlhelelo tsa bomme mo ditlhabololong ka jalo maikaelelo a phitlhelelo ya tekatekano ya bong a tla a fitlhelelwa.
O tsweletse a re seemo sa thuto ya bomme se tokafetse fela thata. A re dipalo tsa bana ba basetsana mo dikolong tse dipotlana di oketsegile go menagane ka jalo se se bakile phokotsego ya pharologanyo ya dipalo tsa bana ba basimane le basetsana mo dikolong.
Rre Batshu o boletsefa sebaka sa botshelo mo go bomme se oketsegile ebile bontsijwa bone ba le mo meberekong mme seo se fokoditse pharologanyo ya dipalo tsa bomme le borre mo meberekong.
A re puso e itemogetse kgatelopele mo ditirelong tsa botsogo le mo botsogong ka kakaretso ebile bomme ba solofelwa go ka nna le botshelo jo boleele fa ba bapisiwa le balekane ba bone ba borre.
Rre Batshu a re go ya ka palo ya batho ya lefatshe leno e e sa tswang go feta, sebaka se bomme ba ka se tshelang se oketsegile go tswa mo dingwageng tse 57.4 ka 2001 go ya ko go tse 70 ka ngwaga wa 2011. Dintsho tse di ba kwang ke boimana le pelegi tsone di fokotsegile ka selekanyo sa 6.3% mme se se supa gore mananeo fa a itebagantse sentle le dikgwetlho tsa botsogo, dintsho tse di bakwang ke mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS di ka fokotsega.
A re lefatshe leno le tlhokana le go baakanya melao e e itebagantseng le tse di amang molao wa elwapa,tshireletso kgatlhanong le kgokgontsho, tshwanelo ya go nna le lefatshe, mebereko le ditshwanelo tsa sepolotiki.
Rre Batshu a re go tlhokana gape le go fetola tsamaiso ya go etelelwapele ke borre le ngwao e e gatelelang le go tlhomamisa sebaka le ditshwanelo tse di lekanang mo go bomme le borre. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Letsatsi la mafatshefatshe la bomme
Date : 09 Mar 2014






