Nyeletso lehuma e ka tlodisa Batswana melatswana
09 Mar 2014
Mothusa tona wa tsa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a re mananeo a nyeletso lehuma a tshwanetswe go emelwa ka dinao ka gore a botlhokwa mo matshelong a Batswana.
Mothusa tona o buile mafoko ao fa ane a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Metseng ya East Hanahai, West Hanahai le Newxade bosheng a re mananeo a nyeletso lehuma fa a ka emelwa ka dinao ka ngwaga wa 2016 matshelo a Batswana a tlaabo o tokafetse.
Mothusa tona o boleletse banni ba metse eo gore ba itse gore mangwe a mananeo a nyeletso lehuma ga a tsamaye sentle jaaka a ditshingwana tsa merogo ntateng ya gore bangwe ba banneng ba tsere lenaneo leo bane ba kgaolelwa metsi.
Rre Matlhabaphiri a re metsi ao ane akgaolwa ka gore bangwe bane bana le melatsa ya bogologolo jaanong ga batla go simolola ditshingwana tseo ditlhwatlhwa tsa metsi tsaya kwa godimo.
Mothusa Tona oboleletse banni bao fa Ofisi ya ga Tautona e kopanye le maphata a lebanyeng go dira dithulaganyo tsa gore metsi ao a bulwe gore ditshingwana tsa merago di simolole go bereka.
A re ofisi ya ga Tautona e lemogile gape ga gona le tlhaelo ya bodiredi jaaka bagokaganye le dikoloi mme batla leka ka bojotlhe gore go hirwe bodiredi jwa gonna jalo le go batla dikoloi tsa di lebaganye le mananeo a nyelesto lehuma.
Mothusa Tona one a kopa banni ba metse eo go kwadisa bana le bogole kwa dipateleng tsa bone gore bakgone go bona dithuso tse di bonwang ke motswana mongwe le mongwe.
A re Tona wa tsa Merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso Rre Mokgwetsi Masisi otla isa molao o itebagantse le bana le bogole kwa Palamenteng gore bakgone go bona sengwenyana tse baka itshitsang ka sone. A re molao oo fa Palamente e ka odumela goraa gore bana le bogole batsela go bona sengwenyana ka ngwaga wa 2014/2015. A re batsadi batshwanetse go ema ka dinao bakwadisa bana le bogole ka dipalo tse di kwa godimo.
Mothusa Tona one akopa gape banni ba metse eo go itlhatlhobela magari wa hiv/aids le go ikgapha mo bolwetsi jwa aids. A re go tlhakanela dikobo o sa itshireletse go oketsa mogari wa hiv/aids.
Rre Matlhabaphiri okopile banna go dirisa lenaneo la loaro lwa bonna go thibela mogari wa hiv/aids le malwetsi mangwe le magwe a dikobo.a re loaro loo lo thusa fela thata.
Erile banni ba Metse eo ba akgela ba bolelela mothusa Tona gore mananeo a nyeletso lehuma a bereka sentle kwantle ga ditshingwana tsa merego ntateng ya gore bontsi jwa batho ba lenaneo leo metsi a kgaotswe.
Banni ba supele fa mananeo a go dira ditina,la go apaya borotho le go roka dipaka tsa dikolo a tsamaya sentle ebile ba solofetse go roba sengwenyana ka gore le yone khansele e ba eme nokeng ka go reka dilwana tsa bone.
Banni bao bangongoregile thata ka mananeo a banana gore ga baswele molemo ka gore ba palelwa ke go tlatsa dipampiri tsa one. A re bontsi jwa banana mo metseng ya bone ga ba se ba bone dithuso tsa banana.
Banni bao ba kopile Mothusa Tona go emela kgang eo ka dinao ka gore banana ba metse eo ba batla dithuso tseo gore bakgone itshitsa ka tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 09 Mar 2014






