Breaking News

Ba ga Ngwali ba obamela taela

12 Feb 2013

Balemi ba dikgotla tsa Thini, Madikwe le Magapatona  kwa Tutume ba na le letsatsi mo bekeng, le mo go lone go sa beweng lenao kwa tshimong.

Kgosi  Elias  Boseja  wa Thini, o boletse mo potsolotsong fa letsatsi leo la Labotlhano le tsile ka barongwa ba ga Ngwali (diHosanna) fa ba ne ba ile go kopa pula bogologolo tala, ka jalo ba gola ba fitlhela go ntse  jalo.

A re ka letsatsi leo, le le bidiwang Nsi ka Sekalaka, ga go lengwe, ga go tlhagolwe e bile mogologolo o ne o sa tsene mo tshimong le fa dinonyane di ka tlhakalatsa jang.

O ne a tlhalosa fa Nsi e obamelwa thata, o ka se bone ope a ya masimo ka letsatsi leo. Kgosi Boseja a re bone e le dikgosi, ba rotloetsa morafe go tlotla letsatsi leo, a bolela fa Ngwali a ne a tlotlwa thata bogologolo.

Kgosanai Billy Thini ene o boletse fa e ne ya re ngwagatlola, barongwa ba ga Ngwali ba bolela fa a kopa dikgosi go pata barongwa bao, mme o ne a tsamaya le bone kwa thabeng ya ga Ngwali kwa Mbalambi kwa ga Ntongwa, go ya go iponela le go ikutlwela se se dirwang koo.

Kgosi Thini a re o ne a utlwa  lentswe le bua fela, a sa bone mong wa lone, yo o neng a ntsha taelo ka Nsi.

O tsweletse a tlhalosa fa a ne a leka go botsolotsa ka letsatsi leo le go farologana ga lone ka bangwe ba beetswe Laboraro, mme a seka a bona karabo.

A re ka e le tlholego, morafe o obamela letsatsi leo, mme bone e le dikgosi ga ba gatelele ope gape ga ba na dikgato dipe tse di tseelwang ba ba le itlhokomolosang.

A re le fa go ntse jalo balemi ka bontsi mo motseng ba ilela letsatsi leo. Mme Shathiso Hange, yo e leng monana wa kgotla ya Magapatona, o boletse fa a ilela letsatsi leo mo a dirang sengwe le sengwe se a tlaa se tlhokang jaaka go hula morogo kana sengwe se se jewang gore ka letsatsi leo la Nsi a se ka a raelesega a tsena mo tshimong.

Mme Hange a re letsatsi leo, le e leng Laboraro kwa Magapatona o le  tsaya  jaaka moila mo go ene ka go ne go twe o obamele o sa botse gore go ka reng. Rre Thuso Makhwaje ene a re se se gakgamatsang ka Nsi ke gore le ba ba sa obameleng Ngwali ba a mo obamela.

Hosanna Tshenolo Ranto a re ene ga a ise a tlhotlhomise  ka kgang eo ntswa ba nna ba  ya go kopa pula le go rotloetsa setshaba go obamela malatsi  ao. Rre Ranto o ne a bolela  fa e a  fitlhetse go ntse  jalo fa a fatlhoga mme le ene a ikutlwa a patelesega go obamela ngwao eo. ENDS 

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 12 Feb 2013