Breaking News

Medi Publishers e batla lephata le dirisa tlhalosi

06 Mar 2014

Mookamedi wa Medi Publishers, Mme Portia Tshoagong o ikuetse mo lephateng la Thuto le Tlhabololo Dikitso go amogela tiriso ya Tlhalosi ya Medi ya Setswana (Setswana Dictionary) mo dikolong.

E rile a bua kwa moletlong wa go abela Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe le Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama,Tlhalosi ya Medi ya Setswana mono Gaborone, Mme Tshoagong a tlhalosa fa go ribololwa ga buka e ya Tlhalosi, e nnile kgatelopele e kgolo mo ditsong tsa dikgatiso tsa dibuka tsa Setswana tsa mono gae.

A re fa buka e sa le e ribololwa ka ngwaga wa 2012, ga e ise e amogelwe go dirisiwa mo dikolong dipe tsa puso, fa e se mo go tse di ikemetseng ka nosi le dikolo tse dikgolwane kwa Aferika Borwa. A re,“se se ntshwenyang ke gore buka e, mo dikolong tsa puso ba batla ke ba e fa mahala,”

Mme Tshoagong a re o ka itumela fela thata fa Tlhalosi e ka amogelwa go dirisiwa jaaka ditlhalosi  tsa puo ya Sekgoa tse di dirisiwang di le dintsi ka go farologana.

A re Batswana ba tshwanetse go ipelefatsa ka Tlhalosi ka jaana e kwadilwe ke Motswana, Professor Thapelo Otlogetswe, mme e bile e boloka puo ya Setswana e e gomagomediwang ke go nyelediwa ke puo ya Sekgoa le tse dingwe.

Tlhalosi e tlhalosa mafoko a Setswana a a kwalwang, a a buiwang le a a dirisiwang mo meopelong. E tlhalosa le tiriso ya mafoko a Setswana le go latedisa ditso tsa one. BOKHUTLO
   

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : GABORONE

Event : Kabo ya Tlhalosi ya Medi ya Setswana

Date : 06 Mar 2014