Breaking News

Nyalanang - kgosi

06 Mar 2014

Kgosi Christina Moloi wa toropo ya Orapa a re o tshwenngwa ke batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.

O tlhalositse jalo mo potsolotsong bosheng morago ga phuthego e a neng a e tshwere bosheng. A re bangwe ba bomme ba ba nnang le banna ba sa nyalwa ba re ba dira se ba lebeletse gore bana ba kgona go bona thuto e e botoka mo dikolong tsa Orapa.

A re  bommabana ba, gape ba dumela gore bana ba ka tlhokomelesega botoka ba nna le borraabone mme se se dire gore ba felele bangwe ba bone ba sa tshware sentle ka ntata ya kgokgontsho.

O tsweletse  a re palo ya bomme ba ba tlang go ikuela mo lekgotleng mabapi le gore banna ga ba tlhokomele bana ntswa ba nna mmogo, le gore bangwe ba bone ga ba lale mo malwapeng, e kwa godimo fela thata. A re se se gakgamatsang ke gore mokgwa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana o tsweletse ka  go golela pele.

Kgosi a re, seemo se, se a tshwenya e bile ga se a siamela bana, ka gore ba golela mo malwapeng a a sa bopaganang a tletse dikgotlhang,  a supa fa lelwapa e tshwanetse ya nna motheo wa go godisa bana ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.

O tladitse ka gore malwapa a batsadi ba ba sa nyalanang mme ba nna mmogo ke seemo se se sa siamelang go godisa bana. O supile fa lenaneo le le simolodisitsweng kwa Kgatleng la ‘Re a nyalana’ le ka sologela molemo banni ba toropo ya Orapa.

A re o dumela fa le le mosola thata ka gore le setse le thusitse batho ba le bantsi go rulaganya malwapa a bone. A re sengwe se se tshwenyang ka batho ba ba nnang lobaka ba sa nyalane ke gore bangwe ba bone ga ba na maikaelelo a go nyalana gotlhelele.

Kgosi o supile fa bontsi jwa banna ba,ba nna le basadi  ka lebaka la gore ba na le bana le bone, e bile bontsi bo felela bo tsaya bana ba ba godisa ba le nosi gore ba kgone go ba dira ba ja boswa ba bone.

O tsweletse a tlhaolsa gore go supa fa batsadi ba bana ba basetsana  ba rotloetsa seemo se, ka gore ba ntsha tlhwatlhwa ya bogadi ba lebeletse gore monna ke modiri wa moepo mme se, se paledise bangwe go nyalana ba felele ba dumalana go nna mmogo ba lebala ka lenyalo. 

Kgosi Moloi a re bangwe ba banna ba felela ba tlogetse bomme bao ka bana mme ba nyale o sele.

A re se, se dira gore borre ba felele ba tshola bana ba bantsi le basadi ba ba farologaneng, mme morago ba palelwe ke go tlhokomela palo e ntsi  eo ya bana.

O gateletse gore mme yo o nnang le monna a sa nyalwa ga a na thata epe, a tlatsa ka gore le bone bana ga ba kgone go fiwa lorato le ditshwanelo dingwe tse di ba lebaganeng.

O  rotloeditse banni ba Orapa gore ba ithulaganye ba tlhomamise gore ba felela ba nyalane e seng go tswelela jaaka ba nna ka go sena maduo ape.

O supile gape gore mo phuthegong eo banni ba Orapa ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ba ne ba tsibogetse pitso ya gagwe ka dipalo tse di nametsang le gone ba ntsha dikakgelo tse di supang gore ba lemoga botlhokwa jwa lenyalo.

O ba rotloeditse go nna mmogo ba sena go diragatsa morero otlhe wa nyalo ya Setswana o akaretsa patlo le go ntsha bogadi, e seng go akanya gore lenyalo ke fa motho a dirile mokete o o turu fela,selo se se ba kgoreletsang go nyalana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : ORAPA

Event : Potsolotso

Date : 06 Mar 2014