Breaking News

Monna o tshelegetswe ke madi a kgoga

06 Mar 2014

Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borobabobedi, wa kgotla ya goo Rankau kwa Ramotswa, o bolailwe ka sengwe se go belaelwang ele thipana, fa a ne a leka go kgaoganya baratani.

Tiragalo e, e diragetse ka Labotlhano bosigo, kwa marekisetsong a dino a Pinkies mo Ramotswa, fa moswi a ne a leka go tshereganya baratani ba ba neng ba tlhokile kutlwano.

Go ya ka mogolwane wa mapodise a Ramotswa, Superintendent Sarah Gabathusi, moswi le mmelaelwa ke badiri mo Khanseleng ya Borwa Botlhaba, ebile ba ne ba itsanye.

Mme Gabathusi a re go belaesega fa mme yo o neng a lwa le moratiwa wa gagwe a ne a tshabela kwa go moswi yo le ene a neng a mo itse. Ka bomadimabe, mmelaelwa o ne a gogela moswi kwa ntle ga marekisetso kwa a fetileng a mo keteka, mme morago a mo tlhaba ka sengwe se se bogale.

Mme Gabathusi a re ba tshegeditse rre yo wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa,  yo o tlholegang gone kwa motseng oo , ebile a tla iponatsa kwa kgotla tshekelong  mo bogautshwaneng mabapi le molato o.

Superintendent Gabathusi o ne a kopa setshaba go kopa bogakolodi fa ba na le mathata, gore ba seka ba felela ba tsere ditshwetso tse di seng maleba.

A re go a itshupa e le tota gore tiragalo e ke dilo tsa go sa tsheleng ka tirisano mmogo le kagiso. Ka jalo, o ne a gakolola batho gore ba ithute go rarabolola dipharologanyo tsa bone, a tlatsa ka gore ba ka bona dithuso tsa bogakolodi  mo makalaneng a a tshwanang le a boipelego , mapodise  kgotsa kwa kgotleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Katlego Gaobotse

Location : RAMOTSWA

Event : Pego ya Sepodisi

Date : 06 Mar 2014