Breaking News

Ba ngongorega ka Ipelegeng

06 Mar 2014

Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a ntshitse dingongorego ka ditiro tsa Ipelgeng tse ba reng ga se tsone tse ba neng ba di kopile.

Ba buile seo mo bokopanong jwa bone jwa ntlha jwa ngwaga ono ka Laboraro, ba re dilo ka bontsi tse ba di kopileng ga di a fetolwa.

Mokhanselara wa Gweta Bophirima, Rre Moses Bobeng a re kwa motseng wa bone ba ne ba kopile go agelwa maemelo a dipalamo gammogo le go baakanyediwa ditsela tse di tsenang mo motseng.

A re motse wa bone o motlhaba thata jaanong dikoloi di nwela ka bontsi, mme a re gape ba ne  ba dumelana gore bogolo ba agelwe matlwana a boiteketso mo dikoleng tsa Gweta tshotlhe go na le gore a seka a bona sepe sa ditlhabololo tsa Ipelegeng.

Mokhaselara wa Senete Rre Tabona Saulo ene a re, ga a bone mosola wa go kgaola tlhaga mo motseng wa gagwe, jalo o kopile gore bogolo go baakangwe ditsela mo boemong jwa go kgaola tlhaga, a tlatsa ka gore ditiro tsa Ipelegeng di tshwanetse go nna le tema ya gore fa o leba kwa morago o bone motlhala.

A re tsela e e remiwang ke dikhilomithara di le lesome le botlhano, mme ba setse ba remile di le borobabobedi, a tlatsa ka gore ba tsile go nna ba bereka selo se le sengwe fela ka gore fa dipula di na, bojang bo a tlhoga.

Rre Patrick Makhumalo yo eleng mokhaselara wa Maitengwe ene a re, o sale a kopile terata e agelelang kgotla ka gore tse pedi di setse di ageletswe mme go setse e le nngwe fela, a tlatsa ka gore kgosi o nna a fitlhela dikgomo di robetse mo kgotleng nako tsotlhe ka di rata fa go leng phepha.

Le fa gontse jalo,Mokhanselara wa Nkange Rre Dema Jesi o rurifaditse fa ene dikopo tsa gagwe go tswa kwa baduladitilong ba metse ya ditlhabololo di tsentswe jaaka ba ne ba di kopile.  E rile a araba dingongorego tsa bone, Mme Queen Goepamang wa lephata la ditogamaano tsa khansele potlana ya Tutume a re, ga se sengwe le sengwe se tla a kwalwang.Mme Goepamang o tlhalositse gore go  lebelelwa boleng jwa se ba se kopileng gape le one madi a a lebelelwa gore a ka lekana se se batliwang.

Modulasetilo wa Khansele eo Rre Phillip Makale, o gakolotse makhanselara gore seemo sa madi ga se ise se fetoge.
O ba rotloeditse go nna le tshepo ya gore kwa bofelong mongwe le mongwe o tla kgona go bona ditlhabololo mo metseng ya bone, e ka tswa e le ya boleng jo bokae, a tlatsa ka gore ba tla nna ba fapaana jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 06 Mar 2014