Mokodue go tsosiwa o o itekang
06 Mar 2014
Tona wa botsogo, Dr John Seakgosing o rotloetsa batlhoki gore ba ikgaratlhele go oketsa dithuso tsa bopelotlhomogi tse ba di direlwang go supa fa le bone ba kgathala ka botshelo jwa bone.
O buile jalo bosheng fa a ne a rolela ba lelwapa la loora Moeti dilotlolo tsa ntlo ya dikamore tse thataro, e ba e agetsweng ke badiri ba tsa botsogo mo Palapye, kwa kgotleng ya Serorome.
A re Batswana ba itshegetse tema ya go thusa bangwe ka bone ba ba tlhokileng lesego mme ba tla tswelela le go e tsweledisa go ya go ileng, gore ka ngwaga wa 2016 ba bo ba kgonne; a kopa bone ba ba fiwang thuso e gore le bone ba seka ba nna fela, ba leke go dira sengwe fa godimo ga se ba se diretsweng.
A re go dira jalo le gone go tla ba supa ele batho ba amogela ebile ba kgathala ka botshelo jwa bone, eseng go thusiwa ba ntse fela ba sa supe gore le bone ba rata go bona botshelo jwa bone bo tokafatse kana bo fetogile.
Dr Seakgosing a re puso e ikiteile sehuba go nyeletsa lehuma le le apereng lefatshe leno, ka jalo Motswana mongwe le mongwe le ene o tshwanetse a ikitaya ka thupana go bona gore ene o lwa ka tsela e e ntseng jang go thusa puso mo maitekong a yone a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo.
A re boithaopo jo bo batla lorato le tirisano mmogo gore ba kgone go fenya mmaba yo go tweng lehuma. O ne a akgola badiri ba tsa botsogo mo Palapye, a re ba itshupile gore ba bereka sentle ka lorato le tshwaragano mo eleng gore fa ba tshwere tsa boithaopo go sala go sa supafale gore mooki ke ofe ngaka le yo o phepafatsang ke ba fe; ba tshwara ka tekatekano.
O ne gape a wetsa ka go leboga ba ba ileng ba ntsha dithuso jaaka ba Makoro Bricks, Majako Investment le ba bangwe fela ka go farologana a balela le bana ba sekole sa Palapye Technical College, ba eleng bone ba neng ba ala ditena sentle gore ntlo e fele, mme batshwari ba garawe le go duba daka ya bo ele bone badiri ba kokelo ya Palapye, eleng bone beng ba moono.
E rile a leboga, mopalamente wa Palapye, Rre Master Goya, a bolela fa motse wa Palapye o aperwe ke lehuama le letlhoko la ditiro, banana ba gobeya fela mo mebileng ba sa bone ditiro mme gape batsadi ba bone le bone ba sena bonno.
Rre Goya a re se ke kgwetlho mo go bone, go bona gore ba lwantsha bothata jo, eseng jalo go tla retela gore ba e go goroga kwa go 2016.
Rre Goya a re boithaopo jo ke nngwe tsela ya go supa ikgaratlhelo ya Batswanana, go thusana go agela ba ba tlhokang bonno.
E ne yare a amogela selotlolo sa ntlo eo, Mpho Moeti a supa fa a itumetse go feta selekanyo ka gore fa ba sale ba swelwa ke batsadi o ntse a sheleketla ka bomonnawe, a bereka mo dibareng gore a ba hirisetse ntlo le go ba fa dijo, le fa gone a ne a sa amogele sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Kabo ya ntlo
Date : 06 Mar 2014






