Breaking News

Badirela puso ba ka inaakanya le lenaneo la go aga matlo

06 Mar 2014

Badirela puso ba kgothaditswe go dirisa lenaneo la puso le le tlang la kago ya matlo, le ka lone go ikaeletsweng go thusa bodiredi  ka matlo, le go tsaya puso tema mo go lwantsheng  tlhaelo ya boroko.

Seo se builwe ke mookamela lephata la tsa khiro ya bodirela puso, Rre Cater Morupisi  kwa phuthegong ya badirela puso kwa sekolong se segolwane sa Lotsane ka Labobedi.

A re puso e santse ele mo tshekatshekong  ya go tokafatso ditsamaiso tsa bodiredi , a re di santse di lebeletswe gore di ya go bereka jang. O tlhalositse fa di tlhoka madi a mantsi go ka tsenngwa mo tirisong,ka jalo go santse go tla a tsaya sebakanyana di santse di sekasekwa.

O ne gape a gakolola badirela-puso gore ba ka baakanya melawana ya tsamaiso bodirela puso fa ba bonang e ka baakangwa teng. Rre Morupisi o kgothaditse bodiredi  go dira ka bofefo, botlhaga, bonatla le botswerere, gore go kgone go nna le dipoelo tse dinametsang le gone go tokafatsa itsholelo.

A re fa boitshwaro le botho bo ka tlhaela go ka ama thata kgolo ya itsholelo. O tsweletse a re bodiredi bo tshwanetsa ja lemoga fa go tshelelwa mo dipakeng tsa nako ya marenyane a a kwa godimo a bangwe ba batlang go thusiwa ka bofefo, mme fa go nna le madiadia ba ka fetela kwa mafatsheng a mangwe a ba ka bonang thuso ka bofefo teng.

A re  mogwebi  yoo, o tla bo a tlhamele batho ba koo ditiro, rona mono gae re di rontshitswe ke modirela-puso yo o sa dirang dilo ka fa di tlhokegang ka teng ka nako, e bile le setho se seyo mo teng.

Fa ba mokgwa dikgaba badirela -puso ba ne ba supa fa ba lebagane le mathata kwa ditirong tsa bone, segolo jang one a maroko, tlhaelo ya dikoloi, tlhaelo ya bodiredi le gone gore ga ba fiwe madi a a lekaneng go tsamaisa ditiro tsa puso.

Rre Modisana Mosweu  o ne a re, a madi a gotweng a okeletsa  badirelapuso dituelo  a 4% a dirwe ka pyramid gore bodiredi  jo bo kwa tlase bo inatswe menwana, ba re fa a lekalekanngwa fela  go tla  boelwa batho ba dituelo tse di kwa godimo fela.

Rre Lesetse Gontse o ne a botsa gore kgang ya  go ithola ditirelo dingwe ke puso, jaaka go phepafatsa e tsamaya fa kae.  A re, a ditirelo tseo di neelwe ba ba ntseng  ba di dira, a tlatsa ka gore  puso e fe batho dikitso gore fa ba tlogela tiro ba ikemele ka nosi.

Fa a ba araba Rre Morupisi o ne a re, ke maikarabelo a puso go neela batho ditlamelo ka tekatekano, le mo ditirelong tsa bodiredi  mongwe le mongwe o duelwa ka fa dithutego,bokgoni le dikitso  di mo letlang ka teng.

A  re go ithola ditiro dingwe ke puso go tsweletse, mme go mo maruding a bao ba ba di batlang go di ikopela,  fa di phadisanelwa.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lotsane Rre Tshokologo  Dineo, a re o lebogela gore mohiri a bo a bone go tshwanela  go etela bao ba a ba thapileng,  a supa fa seo ele kgatelopele, a  tlatsa ka go tlhalosa  fa bokopano jo e ne ele thuto mo bodireding.

A re  puso e lebelele tiro ya barutabana ka leitlho le le ntshontsho ka ele tiro e e bokete, a supa fa bontsi ja barutabana ba ba tlogetseng  tiro ba humanegile ka gone go bereka ka boithaopo ba sa duelwe.

A re fa ba bapisiwa le bangwe ka bone ba eseng barutabana ba tlogetse ditiro ele bahumi ba ba tshelang sentle fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya badirela puso

Date : 06 Mar 2014