Bolux e abela malwapa dijo
06 Mar 2014
Malwapa a le lesome kwa kgotleng ya Borakalalao kwa Molepolole a abetswe mephuthelwana ya dijo mongwe le mongwe fa bale makgolo a mane bone ba itswetse ka phaleche ya bokete jwa 2.5 gotswa mo khamphaning ya Bolux Group kwa Ramotswa.
E rile a rola mafoko a go amogela dijo tseo tse dineng di ka lopa P25 000, Mopalamenete wa kgaolo ya Molepolole Bokone, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a lebogela Bolux Group go bo e tshwere ka natla mo tlhabololong ya matshelo a Batswana ba ba tlhokileng lesego, e bile e supega e sa itebaganya fela le go dira dipoelo.
A re go a itumedisa go bona dikhamphani tsa dikgwebo di supa le go lebogela kemo nokeng ya Batswana mo dikgwebong tsa bone ka go bowa ba busetsa mo setshabeng bontlha bongwe jwa dipoelo tse ba di dirang, a re seo se ka rotloetsa le go tiisa bareki moko bareki.
Rre Matlhabaphiri o ne a rotloetsa Batswana go kgothala mme ba eme nokeng Bolux le dikompone tse di kgathegelang tlhabololo ya matshelo a Batswana ka go tswelela ba reka tse e di dirang gore katlego ya tsone e tsweleleleple.
Are go lemosegile gore ditiro tsa ba Bolux ke tse di tlhwaafatseng ka dithuso tsa bone di tsweletse go supafala lefatshe ka bophara a fa sekai ka mafelo a tshwana la Holy Cross Hospise, Lefelo la tlhokomelo bana ba dikhutsana la SOS le la tlhokomelo ya bagodi.
Mothusa tona o gateletse botlhokwa jwa gore a dithuso tseo enne tse di tla lereng pharologanyo mo matshelong a batho ba Borakalalo aba a kgala monkgwa o go le gantsi o dirwang ke batho bangwe wa go di fitisetsa kwa di sa tshwanelang teng jaaka go di rekisa
A re mekgwa ya gonna jalo ke e tshwanetseng ya kgalwa le go kgwiwa mathe ka jaana e ka kgoba marapo le bao ba kgathegelang go thusa mme go rontshe ba ba tlhokang ka boammaaruri sebaka sa ro baona dithuso.
Mmodiri wa tsa kanamiso kwa Bolux Group, Mme Tlotlo Rampatla o ne a tlhalosa fa ba tsere tshwetso ya go thusa batho ba kgotla ya Borakalalo ka mabaka a seemo sa botlhoki jo bo lemosegileng kwa kgotleng ba thusana le komiti ya ditlhabolo tsa motse ga mmogo le bodiredi jwa lephata la boipelego go tlhopha malwapa a lebaneng.
Mme Rampatla a re dijo tse di abetsweng malwapa a lesome ke tse goneng ga tsewa tshwetso ya go tsibogela seemo sa malwapa a goneng go supafetse a tlhoka thuso ya go tlhokomelwa ke puso ka fat lase lenaneo la boipelego mme ba ise ba simolole go thusiwa.
A re Lenaneo la kompone eo ke le le itebaganya le go thusa botlhoki jaaka e ntseng e tsweletse a tlhalosa fa metse e tshwana Ramotswa, Taung, Mahalapye le Old Naledi ele mangwe a mafelo a a setseng a kgonne go akola dithuso k aka tlase ga thulaganayo ya go thusa go lwantsha botlhoki.
Mo mafokong a kamogelo, Kgosi wa kgotla ya Borakalalo Rre Sesiane o lebogetse dikompone tse di tsweletseng ka go lemoga botlhoki jwa batho ba kgolo ya gagwe le go kgatlhegela go ba inola mo bothateng jwa lehuma le le apeneng kgaolwana eo.
Mogolwane wa Bolux Gropu Rre Gabriel Mosinyi, o gateletse ntlha ya gore kompone ya gagwe kgwebo ya yone esa itebaganya fela le go dira dipoelo mme gape e eteleditse pele gape mowa wa boutlwelo e ikaegile thata le moono wa nngwe ya dipilara tsa Tebelopele ya Sechaba, ka go nna kutlwelobotlhoko ebile e kgathala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo ya dimpho
Date : 06 Mar 2014






