Tlhalosi e boloka Setswana
05 Mar 2014
Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re buka ya Tlhalosi ya Medi ya Setswana e tlaa thusa go somarela puo ya Setswana e e metswang ke dipuo tse dingwe jaaka Sekgoa.
Dr Kedikilwe o buile se a sena go amogela buka e mo Gaborone ka Mopitlwe a tlhola malatsi a le Matlhano. E rile a rola Tlhalosi ya Medi ya Setswana, mogolwane wa Medi Publishers, Mme Portia Tshoagong a re tlhalosi, e e kwadilweng ke Professor Thapelo Otlogetswe wa University of Botswana, e tlhalosa mafoko a Setswana a a kwalwang, buiwang le a a dirisiwang mo meopelong.
A re e tlhalosa tiriso ya mafoko a Setswana le ditso tsa one. bokhutlo
Source : Photo Section
Author : Phenyo Moalosi
Location : GABORONE
Event : Mpho ya buka
Date : 05 Mar 2014






