Breaking News

Marekisetso a dino a thubilwe

05 Mar 2014

Dilalome di thubile tsa bo tsa utswa kwa  marekisetsong a Liquorama mo kgotlaneng ya Khurakhura kwa Ghanzi.

Mo puisanong le mookamela mapodisi a Ghanzi, Superintendent Christopher Molobe a re, ba begetswe tiragalo e ka mosupologo, mme a re go supagetse gore go thubilwe  mo bosigong  jwa matlhatso kgwedi ya Mopitlo e rogwa.

Supt Molobe a re  dilalome tseo di butse marulelo kwa godimo mme tsa tsena mo teng ga marekisetso. O tlhalositse fa dithoto tse di utswilweng di ka lopa  madi a a ka tshwarang P52 000 kana go feta.

A re ba santse ba le mo patlong ya dilalome tseo tse a reng ga ise ba itse gore ba ne ba le kae ka palo, mme a re ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le tiragalo eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omogolo Hans

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 05 Mar 2014