Khansele ya borwa e tlaa gapa leruo
05 Mar 2014
Khansele ya Borwa e tlaa simolola go gapa leruo le le sailang mo metseng ya Kanye le Moshupa.
Rre Banks Nokgwe, mogolwane mo lekalaneng le le tsamaisang melawana ya khansele o tlhalositse se kwa kgotleng kgolo ya Kanye bosheng.
Rre Nokgwe a re khansele e amogetse molao kakanyetso o, pele. O supile fa leruo leo le akaretsa dipodi, dikgomo, dipitse, dinku, ditonki le tse dingwe.
Rre Nokgwe o tlhalositse fa leruo lotlhe le le gobeyang mo motseng le mo marekisetsong a setshaba le tla a gapiwa le bo le isiwa kwa lefelong le khansele y e tlaa bong e le agile.
Legale o tlhalositse fa beng ba leruo le le tlaa bong le gapilwe, ba tlaa bidiwa gore ba tle go le rekolola, mme ba tla ka sesupo jaaka tshipi ya dikgomo go netefatsa fa leruo leo e le la bone. Rre Nokgwe a re beng ba leruo ba tlaa lebisiwa molato go lebilwe gore seruiwa ke sefe.
O tlhalositse gore fa kgwedi e ka feta mong wa leruo a sa tla go le tsaya, o tlaa duela sengwenyana eseng le rekisiwa.
A re nku, podi le kolobe di tla a gatisa dipula di le lesome le botlhano (P15) ka letsatsi fa kgwedi ya ntlha e ka feta le sa tsewa, fa kgomo, tonki, mmoulo le pitse tsone di tlaa gatisa masome a mararo a dipula (P30) mme dintsa le dikoko di tlaa gatisa dipula di le lesome (P10) ka letsatsi.
Rre Nokgwe o tsweletse a tlhagisa gore ope yo o ka disetsang leruo la gagwe mo motseng kgotsa mo mafelong a setshaba o tlaa atlholwa P 5000,a ba a ka tlhatlhelwa mo kgolegelong dikgwedi tse pedi.
Bangwaketse ba iteetse legofi molao oo, e bile ba eletsa gore palamente e o amogele, ba supa fa ba sale ba senyediwa digotlo ke dikgomo tse di disediwang mo motseng.
Kgosi Malope II le ene o supile fa a lebogela molao kakanyetso oo, a tlhalosa fa morafe wa gagwe o sale o sa jesiwe di welang ke kgang eo, a re moswi Kgosi Seepapitso IV le ene o tlhokafetse e le nngwe ya dikgang tse di neng di sa mo robatse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Mar 2014






