Bicho o ya go disa poo
05 Mar 2014
Monna mongwe wa Masukwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba o atlhotswe dingwaga tse tlhano mo kgolegelong ka molato wa bogodu.
Chidzani Bicho wa dingwaga tse di masome a mane le borataro o atlhotswe dingwaga tseo morago ga gore lekgotla la ditsheko la Setswana la Masukwane le mmone molato wa go utswa podi ya ga Mme Badi Tikithi mo bosigong jwa Labotlhano wa kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le borobabobedi.
Mabaka a kgang ke gore mosekisiwa a ne a bonwa ke bangwe ba losika lwa gagwe mme ba tlelwa ke dipelaelo fa ba mmona a tshotse nama ya podi, ka jalo ba loma ba sepodise tsebe; mme monna yoo a tshwarwa mo letsatsing le le latelang ka nama ya podi eo.
Go bolelwa fa mosekisiwa a tshwere podi eo e robetse kwa ntle ga lesaka mme ya re go tlhotlhomisiwa Mme Tikithi a supa fa podi e le ya gagwe morago ga go bona mmala wa letlalo la yone le ka letshwao.
Nama le letlalo tsa podi eo, di ne tsa tsisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme mosekisiwa a ipona molato, a ikuela ka go kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko ka e le ene a tlhokomelang rraagwe. Lekgotla le ne la laola gore nama le dirwe tsa podi eo di busediwe mong wa yone.
Tsheko eo, e ne e le fa pele ga kgosi ya motse wa Nlaphkwane, Kgosi Mukani Mudongo, kgwedi eno e le malatsi a mararo, yo o neng a supa fa molato o o dirilweng ke Bicho o tlama gore motho a romelwe kwa kgolegelong, ka jaana o sena katlholo ya tefiso.
Kgosi Mudongo a re go mo romela kwa kgolegelong, go tla bontsha ba bangwe gore molato wa bogodu jwa leruo o tsewa tsia e bile o ka baka gore motho a dise poo.
Mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Boitshepo Kaisara, o gwetlhile batho go tlhokomela leruo la bone ka go le tlhatlhela le go le lekola ka dinako tsotlhe go tlhomamisa gore le mmogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Tsheko
Date : 05 Mar 2014






