Khansele e lekodisitwa ka ditiro tsa ditlhabololo
05 Mar 2014
Go agiwa ga maemelo a dikoloi tsa setshaba kwa Palapye mo go yang go lopa P74 974 902.51, go tsweletse, mme konteraka e filwe sebaka sa dikgwedi tse di lesome le boroba bobedi gore e bo e weditse tiro eo.
Fa a begela khansele potlana ka Labobedi, mogolwane wa tsa ditlhabololo tsa kgaolwana potlana ya Palapye, Rre Pheto Dintwe a re, mo nakong eno tiro e e dirilweng e setse e dirisitse P24 114 170.52, fa yone e le mo selekanong sa 23 phesente fela.
O ne a supa fa tiro eo e lebanwe ke kgwetlho ya kwa go epiwang mmu teng ka lefuti le le ntseng le dirisiwa le tswetswe, a re legale konteraka e ne ya iphataphatela go bona kwa e ka tsayang mmu teng.
Erile a tlhalosa ka kago ya diofisi tsa sepodisi, Rre Dintwe a re go gogelwa ga metsi koo go abetswe P4,653.52, fa tiro yone e setse e le mo selekanong sa 75% go wediwa, a supa fa mo nakong eno se se saletseng morago e le ditanka tsa metsi tse di tshwanetseng go tsenngwa, tse rakonteraka a kopilweng go tsenya badiri ba tsone ba Aferika Borwa legonnyana go di gorosa.
A re paakanyo ya dikole tse dikgolwane e tsweletse sentle mo go tse dingwe, fa dingwe di santse di neilwe komiti e e sekasekang go di leba.
O tsweletse a tlhalosa fa dikago tse di neng di baakangwa tsa sekole sa tiro ya diatla sa Palapye di weditswe mme di lopile P2 613,671.60.
Rre Dintwe o supile fa lephata meepo, kgotetso le metsi le abetswe P9,556,525.44, a tlhalosa fa tiro koo e le mo seemong sa 95% go wediwa, le fa e ne ya lebana le bothata ja go utswiwa ga didirisiwa dingwe tsa didiba, mo go neng ga ama gape le go gokelwa ga motlakase kwa didibeng di le pedi.
A re le fa gontse jalo, ba lephata la metsi ba ne ba tswelela ka ditiro tse dingwe ba bo ba thapa konteraka e ntsha.
Mo kgannyeng ya go isiwa ga ditlamelo kwa Diboko ke Lephata la Ditsha le Matlo, Rre Dintwe a re go simolotswe, sebe sa phiri ke gore tiro e bonya ka mabaka a dipula tse di tsweletseng le gone gore konteraka e ne ya ya malatsing a boitapoloso ka Sedimonthole, a re e abetswe P373,595.312.70, mo nakong eno e mo seemong sa 1.7%.
Rre Dintwe o tsweletse a lekodisa khansele ka lephata la dipalamo le ditlhaeletsano, a tlhalosa fa lekalana la ditsela le tsweletse ka go dira matshwao a tsela, go thiba fa ditsela di epegileng teng, go kgaola bojang jo bo fa thoko ga tsela, mme a re tse di saletseng kwa morago di tlaa tsweledisiwa.
O tlhalositse fa paakanyo ya diofisi tsa ba ditsela e ise e simologe.
O ne a tlhalosa ka seemo sa ditiro tse di tsweletseng tsa maphata ka go farologanana jaaka la thuto, ditsela, dikago, metsi le kago ya matlo a dibetso tsa tlholego, tseo tsotlhe e le tse di lebanweng go dirwa ke kgaolwana potlana ya Palapye.
O supile matshwenyego ka maphata mangwe a puso a a sa tsiseng dipego tsa bone gore ba di lekodisane le makhanselera, a re seo se ba direla tiro bokete ka ga ba itse seemo sa ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 05 Mar 2014






