Ba ngongorega ka tiego ya ditlamelo
05 Mar 2014
Makhanselara a kgaolo ya Serowe a supile fa ba le sebete se molangwana ka tiego e e dirwang ke badiri ba lephata la temo-thuo ba ba dirang le lenaneo la LIMID.
Ba supile matshwenyego a mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe ka Labobedi morago ga gore mookamedi wa lenaneo leo, Rre Silvester Moswela a ba rolele pego ka fa lenaneo le tsamayang ka teng.
Mokhanselara wa kgaolo ya Tidimalo, Rre Solomon Dikgang, o ne a botsa Rre Moswela gore tota gatwe ditlamelo tsa nyeletso lehuma di diiwa ke eng go goroga kwa bathong, a supa gore fa e sale batho ba kgaolo ya gagwe ba ile go rutuntshiwa kwa Sehonou, ba ntse ba lebile tsela gore ba fiwe ditlamelo tse gone go tile ba tla a thusiwa ka tsone.
Mokhanselara wa Paje, Mme Ruth Kadisa ene a re, selo se sengwe se se ngomolang pelo ke gore batho ba sale ba rekelwa melemo ya dipodi le dijo tsa dikoko mme di tloga di senyega ka jaana ba ise ba neelwe diruiwa tseo, a re o ipotsa gore jaanong ke mang a yang go duelela ditshenyegelo tseo.
O ne a supa fa gape ofisi eo e tsaya nako e telele go duela batho ba ba rekisetsang puso diruiwa tse di neelwang ba ba ka fa tlase ga lenaneo la LIMID.
Fa a tswa la gagwe Rre Moswela o supile fa a sa itse sentle gore ke batho ba le kae ba ba iseng ba bone dithuso mme ba tswa ithutuntshong, le gore go agilwe matlo a dikoko le masaka a le kae a a iseng a tsenngwe diruiwa mo teng ka gore ene o mosha mo kgaolong.
Le fa go ntse jalo, o ne a kopa maitshwarelo ka seo mme a kopa gape gore a fiwe nako go batlisisa bonnete jwa kgang eo, a tshepisa fa a tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go netefatsa gore batho ba bona thuso ka nako.
O tlhaloseditse makhanselara gore madi a LIMID a mo letloleng le le lengwe lefatshe ka bophara, ke ka moo ka nako tse dingwe a felang ba santse ba ise ba feleletse go reka di dirisiwa go di isa kwa bathong.
Modulasetilo wa khansele eo Rre Bafana Motseothata o supile fa lebaka la gore Rre Moswela a bo a re o mosha le sa utlwale mme a mo kopa go ya go batlisisa gore ke batho ba le kae ba ba iseng ba bone dithuso le gore dijo le melemo e e rekilweng fa di senyegile go ya go duela mang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 05 Mar 2014






