Konokono ya bodiredi ke botho - Morupisi
05 Mar 2014
Moeteledipele wa bodirelapuso a re o tshwengwa ke gore badirelapuso bangwe ga ba supe botho fa ba thusa setshaba.
Rre Carter Morupisi o buile se kwa phuthegong le badirelapuso ka Mosupologo kwa Bobonong, a tlhalosa fa seemo sa botho se sa tlhoke madi go baakanngwa. A re dipatlisiso di supa fa seemo sa boitshwaro mo makalaneng a puso se le kwa tlase mme seo se ka ama itsholelo ya lefatshe leno.
A re o tlhaloganya gore bontsi jwa bodiredi bo lela ka dituelo tse di kwa tlase mme a re seo ga se sone se se ka dirang gore motho a seke a itshwara sentle mo tirong.
Rre Morupisi a re badirelapuso ba tshwanetse go thusa setshaba ka tlotlo le lerato ebile ba tlamega go ba bolelela gore ba tlaa bona thuso e ba emetseng morago ga lebaka le le kae.
O ne a supa fa a tshwenngwa ke gore setshaba ga se bolelelwe sepe ka seemo sa dithuso tse ba di tlhokang mme a kopa bodiredi go fetola seemo.
Fa ama dituelo tsa bone, a re badirelapuso ba tshwanetse go tlhaloganya gore kwa ntle ga dituelo tsa kgwedi le kgwedi, puso e ba duelela ditlamelo tse dingwe jaaka madi a bogodi, madi a mesepele, botsogo gammogo le go duela bomme fa ba lemo botsetseng. Rre Morupisi a re seabe se sentsi sa madi a lefatshe leno se akolwa ke bodirelapuso jwa palo e e tshwarang 130 000.
A re madi a setshaba a ngwaga ke P40 billion mme P16 Billion go ya go P20 Billion o dirisiwa mo dituelong tsa badirelapuso, mme ba tshwanetse go tlhaloganya gore ka seemo se sengwe mohiri o a bo a sena madi. O ne a supa fa puso e ka kgona go oketsa dituelo fa bodiredi bo ka fokotswa.
Rre Morupisi a re kwa ntle ga kokoletso dituelo go sa ntse go na le dikgwetlho di tshwana le mabaka a tiro le go tlhoka boroko, seemo se a reng se a kgoreletsa mme puso e se etse tlhoko.
Le fa go ntse jalo, a re molao o mosha o o gobokileng bodiredi o tshwanelwa ke go fetolwa, a supa fa o tsentse bodiredi bo tshwana le botsogo le barutabana mme a re seo se amile tsamaiso mo ditirong tsa bone.
Fa a itebaganya le baeteledipele ba maphata, a re ba tshwanetse go rarabolola dikgotlhang mo tsa mo tirong, a tlhalosa fa a tshwenngwa ke gore dikgang dingwe ga di rarabololwe mme di felela di le kwa makgotleng a ditsheko kwa puso e latlhegelwang ke madi a mantsi teng.
O gakolotse badirelapuso go iphapha mo sepolotiking, a re seo se a ba sireletsa gore ba seka ba supiwa ka menwana gore ba tsaya letlhakore.
Fa ba tswa la bone badirela puso, ba ntshitse matshwenyego a go tsweelwa tshwetso ya go tlhopha mo makgotleng a sepolotiki mme ba tshwanelwa ke go tlhopha fela kwa ditlhophong tsa setshaba.
Ba re ba tshwanetse go nna le seabe mo go tlhopheng baemedi ba sepolotiki go simolola ka ditlhopho tsa peo letlhokwa go ya go tsa setshaba.
Mongwe wa badiredi, Rre Moses Kanjou, o supile matshwenyego ka badiredi ba ba romelwang kwa dikgaolong tse di kgakala fa ba bangwe ba akola go berekela kwa mafelong a a gaufi le ditoropo. Rre Kanjou a re seemo seo se tshwanetse go elwa tlhoko ka se kgaogantse badiredi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya badirela puso
Date : 05 Mar 2014






