Bagodi ba kopa lefatshe
05 Mar 2014
Babereki ba ba tlogetseng tiro ka bogodi kwa Palapye ba re maiteko a bone a go tsweledisa mokgatlho wa bone wa go ikokoanyetsa madi a diphitlho le go tlhokomelana a eme fela ka lebaka la gore ba kabo ya lefatshe ba sokodisa ka go ba abela lefatshe le ba le kopelang go ikagela diofisi mo go lone.
E rile fa ba kopane bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Rre Robert Kealotswe, a bolela fa ba sale ba tladitse dipampiri tsa go kopa setsha seo mme jaanong ba sa fiwe phetolo e e tlhapileng.
A re e rile ba ile go latedisa kgang ya kopo ya bone, ba kabo ya lefatshe ba ne ba ba bolelela fa motse wa Palapye o gola go nna toropo, ka jalo, ditsha tsa teng ke tse di segiwang, ba bua jalo ba sa solofetse go ba baya setsha mo nakong epe e e gautshane mme ba tla sekaseka kopo ya bone.
O tsweletse a ba tlhalosetsa gore bane ba ratile lefelo le ba le kopileng ka gore le gaufi le tsela ka jalo go siametse bagodi, gore ba seka ba tsamaya mosepele o motelele fa ba fologa dikoloi ba ya teng.
O ne a tswelela ka go kopa maloko gore ba rotloetse botlhe ba ba tlogetseng ditiro ka bogodi go tla go ineela mo mokgatlhong wa bone.
Ba re go ka ba thusa gore ba kgone go nna ba kopana le go tlhokomela bangwe ka bone ba ba setseng ba sa kgone mme ba sena tlhokomelo kwa malwapeng, a tlatsa ka gore mokgatlho wa bone ke wa lorato le kutlwelano bothoko.
O ne a bolela fa mokgatlho wa bone o kwadisitswe ka fa molaong lefatshe lotlhe ka bophara, le gore diofisi dikgolo tsa bone di kwa Gaborone.
A re go amogelwa mongwe le mongwe go tsena le ba baneng ba sa bereke puso tota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya bagodi
Date : 05 Mar 2014






