Baithuti ba rotloetsa ikwadiso ditlhopo
05 Mar 2014
Baithuti ba sekolo se segolwane sa Ghanzi ba rotloeditse le go tsibosa baithuti ka bone ka mosola wa go ikwadisetsa ditlhopho le go tlhopha.
E rile a amogela baithuti kwa sekolong seo ka Labotlhano Tlhakole a tlhola malatsi a le lesome le borobabobedi mo tshokologong, modulasetilo wa mokgatlho wa Democracy Youth Club , o e bile e le moithuti mo sekolong seo, Ditshupo Morris, a kgothatsa baithuti ka ene go ya go ikwadisetsa ditlhopho pele ga ikwadiso ya tlaleletso e ya bokhutlong.
A re banana ba bantsi thata mo lefatsheng la Botswana e bile ke bone bontsi jwa nako ba ngongoregelang ditsamaiso di le dintsi. A re fa ba batla lentswe la bone le utlwala ke fela fa ba ka tlhopha gore ba rome baemedi ba ba dumelang ba ka diragatsa dikeletso tsa bone.
Ke sone se ba simolotseng mokgatlho o o ka rotloetsang baithuti go ikwadisa le go tlhopha. Morris a re maikaelelo a bone e le ba mokgatlho wa Democracy Youth Club ,ke go kgothatsa le go rotlotsa baithuti ka dilo tse di farologanyeng tse di ba amang e le banana.
O tsweletse a re mo nakong ya gompieno ba remeletse thata mo go buisaneng le baithuti gore ba ikwadise ka ba mo nakong ya ditlhopho.
Sheryline Sibanda yo le ene e leng moithuti kwa sekolong seo e bile e le mokwaledi mo mokgatlhong wa Democracy Youth Club a re fa baithuti ba ka seke ba ikwadisetsa ditlhopho,lentswe la bone ga le na go utlwala. Mme a ba gakolola gore tlhopho e nngwe le e nngwe e na le seabe ka jalo, ba seka ba lebela tlhopho ya bone kwa tlase.
E rile a ba kgwa dikgaba mogolwane go tswa ko lephateng la IEC, Rre Carthage Modisane, a re go ka nna molemo thata fa ba ka ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo, mme a ba rotloetsa go ikwadisetsa mo matlhophelong a a mo sekolong a re bontsi jwa nako bontlhopheng ba a ba kopa ba ya go ba kwadisetsa ditlhopho kwa dikgaolong tsa bone mme e se magae a baithuti ba, a re go dira jalo ke molato.
Rre Modisane o ba kopile go ikwadisa mo sekolong a re fa e le gore nako ya ditlhopho fa e atamela ba tlaa bo ba na le nnete e e tletseng ya gore fa go tlhophiwa ba tlaa bo ba le kae ke gone ba tlaa tsayang phudugo ka a re e teng mo molaong wa ditlhopho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : GHANZI
Event : Kamogelo ya baithuti
Date : 05 Mar 2014






