Go lekola ngwana ke thotloetso
05 Mar 2014
Batsadi ba kopilwe go lekola bana ba bone gangwe le gape kwa dikoleng bogolo jang ba ba nnang mo dikoleng tse di kgolwane ka seo se ka thusa thata go tila go ngwega ga bone mo dikoleng tseo.
Mafoko a, a builwe ke mogokgo wa sekole se se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepts mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Alphius Ramotsababa mo puisanong bosheng.
Mogokgo o supile fa bana ba ba tshwenyang thata ka go ngwega mo sekoleng e le ba Bokspits, Khawa, Maralaleng le Omaweneno.
A re fa bana bao ba ba botsa gore ke ka goreng ba dira jalo, ba bolela fa batsadi ba sa ba tsisetse dilwana tse ba di tlhokang, fa bangwe mo go bone ba ngwega ka lebaka la gore ba ya kwa diphitlhong tsa ba masika a bone, tse mo gongwe ebile ba ba tlhokafetseng ba sa amane gope le bone.
O boletse fa batsadi ba tshwanetse go lekola bana kgapetsakgapetsa go tlhola gore ba dira jang mo dithutong tsa bone ka seo gape se ka thusa gore ba tsenye marapo mo dinameng, go ipetlela bokamoso jo bo eletsegang.
Rre Ramotsababa o supile fa maduo a sekole seo mo dingwageng tse di fetileng a ne a ntse a wela kwa tlase, a supa fa mo ngwageng ono a tokafetse fa go tshwantshanngwa le a ngogola.
O tlhalositse fa maduo a ka tokafala fela fa batsadi, barutabana le boeteledipele jwa metse kana bana-le seabe botlhe ba ka tshwaragana le go nna le tirisanommogo le go tsaya karolo mo dithutong tsa bana.
A re gape go bereka sentle ga komiti ya batsadi le barutabana, e e tlhophilweng ngwaga ono go ka thusa go godisa maduo a ngwaga ono.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa palo ya bana ba sekole seo e le 604 mme ba le 414 e le ba ba nnang mo sekoleng, a kaya fa palo eo e le ntsi ka ebile matlo a boroko le one a tlhaela.
Mogokgo o ne a lebogela seabe sa puso mo go tokafatseng thuto mo lefatsheng leno, a kaya fa puso e leka ka bojotlhe gore le dirisiwa di seka tsa tlhaela le bone barutabana tota.
Rre Ramotsababa o kaile fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la metsi mo sekoleng seo e le kgwetlho, ka ebile ba kgona go tlhoka le yone thothi e e ka apeelang bana kana gore ba ka tlhapa. A re gone fa seemong se tla go nna jalo, ba koporase ya metsi gantsi ba ba tsisetsa metsi ka ditanka.
Rre Ramotsabababa o kaile fa ele barutabana, ba leka ka bojotlhe go nna ngata e le nngwe le botlhe ba ba amegang gore sekole seo se tle se ntshe maduo a a kgatlhisang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 05 Mar 2014






