Breaking News

Ba Lefoko ba tlhoma kgosi

05 Mar 2014

Go ne go rena boitumelo jo bo golo kwa kgotleng ya Lefoko bosheng jaaka banni ba motse oo ba ne ba kokoane go tlhoma Kgosi Biki Nthomang.

E rile a ema Kgosi Nthomang ka lefoko, Kgosi Kgakgamatso Moletsane wa Mabutsane a mo kgothatsa  go tsaya banni ba motse wa gagwe ka tekatekanyo go hema gore motse o nne le makgamu.

O ne a boa a mo gakolola fa a sa tshwanela go tsaya pipa-molomo, a gatelela gore a buse ka thokgamo le lerato go aga motse o o kitlaneng.

Kgosi Moletsane o ne a gakolola Kgosi Nthomang go dirisanya le komiti ya ditlhabololo tsa motse go tla ka mananeo  a a tlaa  tlhabololang motse, a gatelela fa komiti e tshwanetse ya rerisana le kgosi mo go tse di amang  ditlhabololo.

Mongwe wa bagolo mo motseng, Rre Botlhe Dikgole o gakolotse kgosi go dira tiro ya gagwe ka pelo e telele a sa solofela sepe, a kaya fa a tshwanetse a reetsa dikgakololo mme a gatelela fa a tshwanetse a di tlhotlha ka e se tsotlhe tse di siametseng bogosi jwa gagwe.

O gateletse gore o  tshwanetse a kopa lesedi mo Modimong, a bo a gakolola banni go dirisanya sentle le kgosi gore tiro ya gagwe e nne motlhofo, a supa fa popagano e aga motse.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Nthomang o kaile fa a tlaa busa Lefoko ka lerato le thokgamo, a supa fa keletso ya gagwe e le go bona motse o tlhabologile e bile go rena kagiso. O boletse fa a tlaa kgalema botlhokatsebe jo bo a tleng bo diragale gore thokgamo e nne teng.

Le fa bontsi jwa banni ba Lefoko ba ne ba itumeletse go tlhongwa ga ga Kgosi Nthomang, lelwapa loora Bakgani le kaile fa le le kgatlhanong le seo, ba kaya fa e le bone ba tshwanetsweng ke bogosi ka e le bone lelwapa la ntlha go nna mo Lefoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segomotso Lemme

Location : LOBATSE

Event : Go tlhongwa ga kgosi

Date : 05 Mar 2014