Ba kopiwa go tlhokomela batsadi
04 Mar 2014
Banana ba Kgalagadi Borwa ba kopilwe go tlhokomela batsadi ba bone ka seo se ka thusa go fokotsa palo e ntsi ya batlhoki mo kgaolong eo.
Kopo e, e dirilwe ke Rre Otlhabanye Matlhare go tswa mo ofising ya ba boipelego mo khanseleng ya Tsabong mo phuthegong ya kgotla bosheng.
Rre Matlhare a re maitlamo a bone e le ba boipelego ke go tlhokomela batlhoki, dikhutsana, bana ba batlhoki ba ba tsenang dikole le bana- le-bogole morago ga tsheka tsheko e e tseneletseng.
A re mo lephateng la boipelego ba tshwenngwa ke gore bana bangwe ba ikgatholosa go tlhokomela batsadi ba bone le ntswa ba bereka, ka jalo ba imetsa khansele morwalo, a tlatsa ka gore mme ere fa nako ya motsadi a tlhokafetse e bo e le gone ba itshupang e bile ba sa tlhole ba tlhoka dithuso tsa khansele.
O supile fa go dira jalo go tlhabisa ditlhong e bile e le go tlhoka boikarabelo mo matshelong a batsadi ba bone. O tsweletse a gwetlha batlhoki ba ba santseng ba ka kgona go itirela go ema ka dinao ka go tsenelela mananeo a puso a nyeletso lehuma ka a ka ba thusa go tokafatsa matshelo a bone le bana ba bone.
Rre Matlhare o gakolotsea batlhokomedi ba batlhoki ba ba palelwang go dirisa dikarata tsa bone tse di tsayang dijo go di dirisa ka fa tshwanelong, a ba a gwetlha mongwe le mongwe go nna leitlho la puso mo go tlhomamiseng gore di dirisiwa sentle.
Fa a tlhalosa ka lephata la bone, mogolwane go tswa kwa go ba botsogo le tikologo Rre Thabo Akuje o supile fa tikologo e e phepa gammogo le botsogo jo bo eletsegang di le botlhokwa mo lefatsheng leno.
O gwetlhile mongwe le mongwe go tlhomamisa gore tikologo e phepa go simologa fela kwa malwapeng, madirelo, le kwa motseng, a ba a ba kopa gore go tlogelwe mokgwa wa go epa mafuti a ba latlhelang matlakala mo go one le go dira dithotobolo mo malwapeng, a supa fa go dira jalo e le molato o ka lefisiwang madi a sa feteng P1000.00.
O tlhalositse fa maikaelelo a lephata la bone e le go olela matlakala le go tlhomamisa gore a babalesegile ka dinako tsotlhe. A re gape lephata le tlhomamisa gore matlakala a latlhelwa kwa go tshwanetseng teng.
Fa a ama dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopang le tsone , Rre Akuje a re ga ba kgone go olela matlakala ka fa go tshwanetseng ka ntlha ya letlhoko la dikoloi le didirisiwa. O kopile mongwe le mongwe yo o batlang go tseelwa matlakala mo malwapeng le madirelo go ikopanya le ba khansele.
Mogolwane go tswa kwa go ba ba tlhomamisang gore molao wa khansele o a diragadiwa, Mme Lizzy Mantries o tlhalositse fa bojalwa bo na le seabe se sentsi mo go tsenweng ke malwetsi, kwelo tlase ya maduo mo tirong le tsone ditiro tsa borukutlhi, ka jalo puso e ne ya tsaya tshwetso ya go laola dinako tsa jone tsa thekiso.
O tsweletse a re majalwa a setswana a tshwana le nola le a mangwe ga a letlelesege go dirwa mo malwapeng fa e se khadi fela le gone dikgosi ke bone ba neilweng boikarabelo mo go seo.
Ba lekalana la matimela ba ne ba tlholosetsa morafe ka ditsamaiso le ditlhwatlhwa le thekiso tsa leruo le ba le tshegetsang lwa matimela.
Fa morafe o kgwa lekoko leo dikgaba, o ne wa galaletsa thata ba khansele ya Kgalagadi ka go le botlhokwa go tlisa ditlamelo kwa go bone ka go ba thusa go tlhaloganya le go ithuta ka fa makalana a bone a berekang ka teng ka bongwe ka bongwe.
Bangwe ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke modumo wa dikereke tse di tsenelang mo malwapeng,
Fa a latlhela tlhware logonyana Kgosana Piet Kaatzee, o supile fa modumo oo, o le teng mo motseng wa bone, a ba a kopa dikereke tse di dirang jalo go emisa go dira jalo le gore ba ikopele dtsha tsa sennela ruri mo lekgotleng la kabo ditsha.
O ne a kopa gape banni gore ba nne le therisano le dituamalano fa yo mongwe a bolaetswe leruo go na le gore ba ye go ikuela kwa dikgosing le mapodisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Mar 2014






