Makhanselera a kopiwa go itebaganya le ditlhabololo
04 Mar 2014
Makhanselera a kgaolo potlana ya Palapye a kopilwe go itebaganya le ditlhabololo ga mmogo le matshwenyego a a lebanyeng setshaba se ba se emetseng.
Mafoko a,a builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onnetse Ramogapi fa a bula semmuso bokopano jwa makhanselera ka Mosupologo, Mopitlo a tlhola gararo.
A re ke nako ya gore khansele e tswe mo goreng bone le puso ke bone botsadi jo bo rweleng boikarabelo jwa sengwe le sengwe, mo go mongwe le mongwe kwa ntle ga dituelo dipe.
Rre Ramogapi a re ba tshwanetsa ba itshetela godimo, ba loma molomo wa tlase go bona gore maikarabelo a go tshwaraganela ditlhabololo gore mongwe le mongwe a nne le seabe go tokafatsa matshelo a setshaba.
A re ke maikaelelo a bogogi go rurufatsa kgolo ya itsholelo le ditlhabololo, ka ntlha e nngwe ba netefatsa gore tshireletsego ya batlhoki le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng e nna teng ka go ba neela ditlamelo tse di maleba.
A re ba dumela gore ka kgolagano eo, kgaolwana potlana e ka dira ka botlalo go fitlhelela dintlha dingwe tsa botlhokwa le go tlisa tse di tlhokegang e bile di le mosola go ka fetola matshelo a setshaba se ba se emetseng.
Rre Ramogapi a re, gore kgolagano eo e ntshe maduo, ke gore khansele e tswelele ka go isa ditlamelo tsa konokono tsa matshelo a batho le gone go bona gore lenaneo la dikago le nna teng e bile le a tokafadiwa, le go tswelela ka go tokafatsa tikologo e e amogelesegang mo itsholelong ya ditlhabololo tsa selegae le mo dipeeletsong tsa dikompone tse di ikemetseng.
O ile a re go itebaganya le setlhopha se se fa gare sa tshaba e e kgonang go ka duelela ditlamelo, jaaka makhanselera, bodiredi, barutabana, baoki, bagwebi ba ka kopiwa go duelela ditlamelo di tshwana le go tseelwa matlakala.
O supile fa go dira jalo go ka letla khansele go dira madi, a ka one ba ka a tsenyang mo dipeeletsong go ntsha ditlamelo le gone go baakanya dikago.
O kgothaditse bodiredi ja khansele go ntsha ga tshwene ka maduo le ditlamelo tsa boleng le go netefatsa gore bokopano ja morafe le boemedi ja setshaba bo nna teng. A re le gone go tsaya boikarabelo ja therisano ka ditlhabololo le moemedi wa kgaolwana jaaka mokhanselera go tshwanetse ga nna teng.
Rre Ramogapi a re ke boikarabelo ja morafe go tlhaloganya fa ditlhabololo tse di kwa metseng ya bone ele tsa bone, mme bana le tshwanelo ya go di tlhokomela le go bona gore dithoto tsa setshaba ga di senngwe.
E rile a itebaganye le bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi a re, ba tshwanetse go tlisa madirelo mo kgaolwaneng potlana, segolo jang mo dikgaolong tse itsholelo ya tsone e ka nnang le boleng jaaka mogo tsa temo-thuo, meepo, tlhabololo ya dithoto le tsa bojanala.
Modulasetilo o tsweletse a re go botlhokwa gore boeteledipele bo tle ka ditsela tse ba ka rutang setshaba ka botsipa jo bo ka ba tsenyang sentle mo makalaneng a a farologanyeng a morafe, ka maikaelelo a go ba fa dikitso le boitseanape jo bo ka ba thusang go itebaganya le dikgwetlho le manokonoko a itsholelo.
O tsweletse a re metlhala mengwe ya go neela le go tokafaletsa batho itsholelo, e ka nna ya go tokafatsa botsogo ka phepafatso ya metse ya bone ba thapilwe ke khansele. A re seo se ka tokafatsa matshelo a bone sa ba isa golo gongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 04 Mar 2014






