Bagwebi kwa Palapye ba tla tseelwa dikgato
04 Mar 2014
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Palapye, Rre Goleswang Ramogala o tlhaloseditse bagwebi ba ba botlana ba motse oo, gore mo dibekeng tse pedi tse di tlang ba tla tseelwa dikgato fa ba sa sale morago melao ya bogwebi.
O buile jalo ka Mosupologo Mopitlo a tlhola gararo kwa Palapye mo phuthegong ya bagwebi ba ba botlana. Rre Ramogala o tlhalositse fa bagwebi bangwe ba tlogela mekhukhu e eme ka dinao fa baneng ba direla teng fa ba ya malwapeng morago ga tiro, mo a reng ga go lebege sentle mo matlhong a batho.
O tlhalositse gore ope yo o ka bonwang a dira jalo, e tla re a boela lwapeng morago ga tiro, mokhukhu o ntshiwe o bo o latlhiwa ka gore molao ga o letlelele gore bagwebi ba ba botlana ba nne le dikago tsa sennela ruri.
O tsweletse a tlhalosa fa bagwebi ba ne ba ikopetse dikgwedi tse tharo mo phuthegong ya bofelo mme ba ne ba di fiwa, jaanong go lebega fa ba bangwe bone ba santse ba sa diragatse ditumalano mme e bile dikgwedi tse tharo di sala di fetile.
Ba lephata la bye-law ba tlhalositse fa tebego ya fa go gwebelwang teng e se e jesang diwelang ka gonne madirelo mangwe ga a tlhokomelwe sentle.
Ba tsweletse ba re morago ga phuthego ya bobedi, bangwe ba ne ba dirisa ditumelano ka gore dilo di ile tsa fetoga thata mme ba bangwe bone go lebega ba le maoto a tshupa.
Ba tlhalositse fa phuthego e, e le yone ya bofelo ka gore go tswa foo khansele e tlabo e tsaya dikgato tsa yone.
Mogolwane wa ditoga maano tsa ditlhabololo mo khanseleng ya Palapye Rre Goabaone Seforo o gakolotse bagwebi gore motse wa Palapye ke boremelelo jwa ditlhabololo e bile o golaganya ditoropo tse pedi, se se raya gore o mo matlhogng a batho.
A re ka jalo, batho le bajanala ba ba fetang ka motse oo ba solofela go bona tse di kgatlhang , se se raya gore pele ga motho a ka aga sepe fela o tshwanetse go kopa tetlelelo pele kwa khanseleng ka gore o tloga a aga fa go sa letlelelweng.
O tsweletse a tlhalosa gore fa motho a ka itseela tshwetso ya go aga a sa letlelelwa o tla tshwanelwa ke go thuba kago eo ka gonne o tla bo a tlodile molao.
Rre Seforo o tsweletse a tlhalosa fa motho a tshwanetse go nna le setlankana pele a aga. O tlhalositse gore motse wa Palapye o na le tebelopele ya go nna toropo mo dingwageng tse di tlang, jalo a re ,toro e, e ka atlega fela fa bagwebi ba ka lesa go aga mekhukhu mo ditseleng ba bo ba e tlogela foo.
Mme Boithamako Motlhokakgotla, mogolwane go tswa mo lephateng la tiragatso molao mo khanseleng ya Palapye, ene o kopilwe bagwebi go dira ditlankana tse di supang fa ba le mo kgwebong, a bo a ba rotloetsa go kgothatsa ba ba senang tsone go di dira ka gore ope yo go tla bonwang a gweba a sena setlankana o tla tsweelwa dikgato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaerobale
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya bagwebi ba babotlana
Date : 04 Mar 2014






