Breaking News

Masalela a bolokilwe

04 Mar 2014

Mokwaledi mogolo mo lephateng la meepo kgotetso le metsi, Rre Boikobo Paya, o lebogile ba malwapa a mane, ba ba ileng ba dumela gore masalela  a batsadi le masika a bone a bolokiwe gape kwa mabitleng a Mmaphula go sutela ditlhabololo.

Rre Paya a re go epololwa ga baswi gantsi go kgobera maikutlo a ba masika le ditsala ka gore go abo go tsoswa di letseng, a tlatsa ka gore go molemo go bona batho ba ba amegang ba kgonne go tlhaloganya ba bo ba amogela ka lerato.

A re se ke ditumalano tsa mafatshefatshe gore ditlhabololo di seka tsa kgorelediwa ke sepe mme ga dumalanwa gore le one mabitla tota a fudusiwe fa e le gore e ka nna sekgoreletsi mo ditlhabololong. 

A re mme tshwanelo ke gore go dirwe thulaganyo ya go rerisa ba ba amegang pele le morafe. Thulaganyo e fa e dirwa go a bo go biditswe bo maitseanape ba ba rutetsweng go kanoka  marapo a baswi , le gone go ka bolela gore ke a ga mang go itsa ketsaetsego mo morafeng.

O ne a supa fa ese lantlha tiro ya mofuta o e dirwa mo lefatsheng leno, bogolo jang fa ba ntse ba tsweletse le go dira thulaganyo ya go siela setshaba metsi, a re engwe ene ya diriwa kwa Thune, Shashe, le Dikgathong go balelwa le e e neng ya diriwa gone mo Palapye fa go agiwa Mmadikolo wa bobedi, eleng BIUST.  

Rre Paya a re masalela a epolotswe fa go yang go epiwa mosele o o yang go tsenya pompo ya metsi a a nowang a tswa kwa Dikgathong, go ralala Palapye e ya Moralane, e bo e tswelela fela go fitlha kwa Gaborone le go fetela kwa pele.

O ne a lemotsha batho ba Palapye gore motse wa bone o lesego ka ke one o tsileng go akola metsi a mantsi, ka o le mo gare. 

Rre Paya o ne a tswelela a bolela fa tiro e ya go tsenya dipompo tsa metsi e lopile P1, 5 Million, mme e solofetswe go wediwa ka 2015 go tswa kwa go 2012 kwa e simolotseng teng.

E rile a ntsha la gagwe mopalamente wa Palapye, Rre Master Goya, a kgothatsa morafe wa Palapye go itse fa tiragalo e e tlaa nna e ntse e ba ama mo botshelong bogolo jang fa motse o ntse o tlhabologa, le jaaka go ka nna yare nako nngwe go bo go atolosetswa metsi kwa masimong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya morafe

Date : 04 Mar 2014