Breaking News

Lephata le thusa bagwebi go itshupa

04 Mar 2014

E rile ka Matlhatso Mopitlwe a rogwa, boradikgwebo le bomadikgwebo tsa diatla jaaka, babetli, basugi ba matlalo, le balogi ba ditlatlana ba bo ba kgobokanetse kwa mabaleng a metshameko a Letlhakeng go rekisa le go bapatsa dikgwebo tsa bone.

Ba lephata la Banana, Metshameko le Ngwao ba ne ba rulagantse letsatsi la Mopitlwe a tlhola gangwe mo Letlhakeng  go nna lone le bagwebi ba Letlhakeng le mafelo a mabapi ba tlaa supang ditiro tsa bone tsa diatla, le gone go tla go di rekisa le go ipapatsa.

Rre Tshekoetsile Molatolwe wa Salajwe o ne a tlhalosa mo potsolotsong ka tiro ya gagwe ya go betla. Rre Molatolwe o ne a tlhalosa fa a itumeletse letsatsi leo ka le tla mo thusa go itsiwe ke bareki.

O ne a kaya fa kwa Salajwe bareki ba gagwe ba tsena mo seatleng mme a bolela fa bareki ba bantsi a ka kgona go ba bona fa a tsamaya le metse kana dikgaolwana go rekisa tse a di dirang.

Rre Molatolwe a re ene ke mmetli yo a saleng a simolotse go betla ka ngwaga wa 1985, a betla a dirisa ditsatlholego ebile a itse fa di kgona go nyelela, ka jalo a di dirise ka kelelo,  a sa di reme kgapetsakgapetsa.

Fa a tlhalosa ka tse a di betlang, o boletse fa a na le bokgoni jwa go betla dintshwana tse ditona le tse di jang, dikika, le ditilo tsa setso, a dirisa setlhare sa mohata kana mogonono, ka e le ditlhare tse di nang le dikala kana dithito tse di tlhamaletseng. 

A re dikika o di rekisa P300, dintshwana tsa dipitsa tse ditona tsone P70.

O boletse fa go betla dintshwana, motho a tshwanelwa ke go dirisa setlhare se se seng botlhoko.

A re go dira tiro ya go betla o tshwanetse wa bo o le pelotelele ebile o na le lerato mo tirong ya go betla.

O boletse  gore le fa  ntswa kgwebo e le kwa tlase, o kgona go bona motho a le mongwe a reka leswana mme a kgone go reka sengwe. O ne a kgothatsa ba ba nang le bokgoni jwa go itirela ka diatla go ema ka dinao go itshetsa ka diatla tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : LETLHAKENG

Event : Letsatsi la bagwebi

Date : 04 Mar 2014