Batswana ba rotloediwa go rurifatsa ditsha
04 Mar 2014
Batswana ba rotloeditswe go tlhofofaletsa bodiredi jwa lephata la kabo ditsha tiro ka go dirisana mmogo mo lenaneong le le tsweletseng la go bala ditsha (LAPCAS).
E rile a bua kwa khanseleng kgolo ya Kweneng, moemedi wa lephata la kabo ditsha, Mme Tlotlego Rampha, a tlhalosa fa tirisanyo mmogo e ba e tlhokang mo Batswaneng, e ka fefosa ya bo ya dira gore maitlamo a lenaneo la LAPCAS a atlege.
O tlhalositse fa lenaneo le, le le mosola ka le baakanyetsa Batswana go nna le magae a a rileng a na le mealo e e tsepameng ga mmogo le dinomoro tsa ditsha. O tsweletse a tlhalosa fa mathata a matona a ba kopanang le one e le Batswana ba ba ganang go tla go supa ditsha tsa bone.
A re ba lemogile fa batho bangwe ba tshaba go tla go supa ditsha tsa bone ka ba ithaya ba re ke mongwe mokgwa wa go gapelwa ditsha tseo mogang ba reng ba ya go di rurifatsa. Mme Rampha a re tota moono wa bone ke go bala ditsha mme ba tlhoka beng ba ditsha tseo go tla go rurifatsa gore a mme ke tsa bone.
A re kgang ya go gapelwa ditsha tse di sa tlhabololwang e na le tsamaiso ya yone, mme lenaneo le, ke go batlisisa ba bo ba nna le tumelo ya gore beng ba ditsha ba teng e seng go di gapa.
O tsweletse a re, lenaneo le, le simolodisitswe kwa Kgotleng ya Lekgwapheng mo Molepolole, a tlatsa ka gore ka ntlha ya gore bangwe banni ba kgotla ga ba ka ba itshupa go tla go rurifatsa ditsha tsa bone, seo se ne sa dia tsamaiso le dikonetelelo tsa lenaneo leo gone kwa kgotleng ya Lekgwapheng.
Le fa go ntse jalo, Mme Rampha a re ba setse ba dirile dipatlisiso kwa Lephephe le Mogoditshane mme ka sebaka se, ba simolotse kwa Motokwe.
O tlhalositse fa kwa Mogoditshane ba ne ba solofetse go bala ditsha di feta dikete tse di fetang masome a mararo le bobedi mme ba kgonne go bona tse di dikete di le masome a mabedi le boferabobedi fela, ka jalo batho ba le dikete tse di lesome le bone fela, ba kgonne go ruriftsa ditsha tsa bone.
A re kwa Lephephe ba ne ba ikaeletse go bala di le dikete tse tlhano le go feta mme ba kgonne go bona le go bala ditsha tse di kwa tlase ga dikete tse tharo fela, mme e bile ditsha tse di rurifaditsweng di le dikete tse pedi fela.
O tsweletse ka go supa fa kwa Motokwe maikaelelo a bone ene e le go bala ditsha tse di fetang dikete tse ferang bobedi mme jaanong ba setse ba badile di le sekete e bile mo ditsheng tse di badilweng tse, go rurifaditswe di le kwa tlase ga makgolo a mane fela.
Mme Rampha a re morago ga dipalo tseo, ba tshwanetse go konetelela dipatlisiso tsa lenaneo mme go thuse Batswan go fefosa ditirelo tse di amanang le malwapa kgotsa ditsha tsa bone.
Le fa makhanselara ba ne ba itumeletse lenaneo ba bo ba tshepisa fa ba tla thusa go rotloetsa banni go ya go ruriftsa ditsha tsa bone, ba ne ba tlhalosa fa ba ngongoregela ditsha tse dinnye tse lephata le di abelang Batswana.
Mme Rampha o ne a tsibogela se, ka go tlhaolsa fa dipalo tsa Batswana di golela pele, e bile go nale ba ba sa leng ba letetse go abelwa lefatshe ba le bantsi.
Ka jalo a tlhalosa fa moono wa lephata e le go abela Motswana mongwe le mongwe setsha, ke sone se ditsha di neng tsa fokodiwa bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 04 Mar 2014






