Breaking News

Nyeletso lehuma e ogola Simon mo isong

04 Mar 2014

Palo ya batho ba ba rekang diaparo kwa ntle ga lefatshe leno e tla fokotsega ka Batswana bangwe ba setse ba na le dikitso tse di kwa godimo tsa go roka diaparo.

Moroki mongwe kwa Jamataka mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Rosinah Simon, yo o dingwaga tse di masome a mararo le boferababobedi, o buile a sa kgale mathe, a supa ka fa lenaeo la nyeletso lehuma le mo ogotseng mo isong ka teng.

Mme Simon yo o segofaditsweng ka bana ba le bararo, o buile seo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa a ne a fiwa dimatshine tse di rokang di le nne, tse di neng ditla di feletse ka sengwe le sengwe sa tsone, ka Lwetse ngogola.

A re o roka sengwe le sengwe mme thata mesese ya setso, ebong mateisi gammogo le paka ya dikhwaere, a tlatsa ka gore mesese e rekwang thata ke mateise. Mme Simon a re jaaanong o kgona go rokela bana ba gagwe paka ya sekole, go ba jesa le gone go ba duelela kwa sekoleng.

O tlhalositse fa a sa ntse a direla mo ntlong ya Setswana, a supa jalo ka monyenyo mo sefatlhegong, a boa a tlatsa ka gore maikaeleo a gagwe ke go aga ntlo e tona ya setena go godisa madirelo.

O tsweletse ka go tlhalosa fa mogokgo wa sekole sa Jamataka se sebotlana a sa e go sokola ka go batla moroki; ka a setse a le teng mo gae. A re ga a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalo ka kgwebo ya gagwe e sa ntse ele ntsha.

O gakolotse banana le bagolo ka manemo a puso, le ka fa a bulegileng ka teng ebile a sa tlhaole ope. A re methale ya khumo e mentsi; e tlhoka balatedi. O supile fa thuso e a e filweleng a tla a e tlhokomela thata ka ele yone tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi.

Mme Simon a re go tsenelela lenaneo leo go motlhofo, ebile o fiwa dithuto tse di lebaganeng le se o tla a bong o se dira. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 04 Mar 2014