Breaking News

Toro ya ga Kobae e fetoga boamaaruri

04 Mar 2014

Le fa e atle e re motho a eleditse sengwe gotwe o ijesa dijo tsa ditoro, se e le sesupo sa gore tse di bonwang mo torong ga di diragale, Rre Kelennetse Kobae ene o ja dijo tsa ditoro, ka gore o tsweletse ka go dira se a se laetsweng ke toro.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kobae wa Mopipi mo kgaolong potlana ya Boteti, a re e ne ya re ka  1953 a lora motho a mo fa setinkane, a mo laela go  anamisa ditiro tsa ga Tautona Sir Seretse Khama.

Rre Kobae o tlhalositse gore bogologolo a sale mosimanyana go tshameka diletswa tsa Setswana jaaka setinkane e ne le sengwe se se tlhwatlhwa  ka gore moletsi wa sone one a kgona go ja le magosi le go natefisa meletlo ya matona a puso.

O tlhalositse gore ka nako ya fa a lora toro e neng e tlhalosa gore a anamise ditiro tsa ga Morena Seretse o ne a nna le batsadi kwa morakeng wa Xadiao, mme setinkane se tumile ka go letswa ke bagolo le  badisa, ele  go tsamaisa nako le go itlosa bodutu kwa madisong.

Mafoko a pina ya gagwe a a tlhalosang ditiro tsa ga Seretse a tsamaya jaana, “ke anamisa ditiro tsa ga Seretse tse a di dirang mo lefatsheng, di phatshimisa lefatshe, la tsaya boipuso le go tlhabolola matshelo a Batswana, gore mongwe le mongwe a dire se a se itseng.”

Rre Kobae a re, ga a rutwa ke ope go letsa o simolotse fela morago ga toro. A re o ne a tswelela a gasa molaetsa ka ditiro tsa ga Seretse Khama go fitlhelela lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka thuso ya ga MmaMosadinyana ka ngwaga wa 1966.

O tlhalositse gore ka ngwaga tsa bo 1970 go ne ga tla mongwe mme a nna le kgatlhego ya go gatisa dipina tsa gagwe.

Nngwe ya dipina tse a di gatitisitseng ke pina ya leboko la kgomo,

Le fa gone e le seletswa sa ngwao, e bile se ne se dirisiwa thata ke batsadi go itlosa bodutu, Rre Kobae a re gape se ne se ka dira gore lekau le ratwe bobe ke makgarebe.

“E ne e re o tsena o se tshwere go ne go bonwa wena fela, makgarebe a wela-wela o kare dintsi di bone mashi a lebese, o sale o sa itse gore o ka leba kae, makau a motse ba felele ba go leba ka leitlho la kilo.”

O tlhalositse gore e ne ere a se tshwere sentle kwa madisong, badisa ba lebale le gore ba mo tirong, ba felele ba phatlaladiwa ke monna mogolo ka moretlwa, di ile dikgomo, bangwe ba lale nageng di timetse kgotsa di jele masimo.

O supile gape gore e ne ere basimane ba sena go nosa leruo ba phuthege go itapolosa le go reetsa jaaka a kgalema setinkane, menwana ya kgonotswe e dubana le setinkane go ntsha melodi ka go farologana.

Le fa go ntse jalo, Rre Kobae o supile fa setinkane kgotsa seletswa sepe fela sa ngwao se ne se thusa thata gore banana ba seka ba senya nako ba dira tse di duleng mo tseleng.

A re se ne se ruta motho ngwao le boitshwaro a supa gore dipina tsa gagwe di galaletsa ngwao ya Setswana le go kgothatsa bana go reetsa molao wa batsadi.

A re Batswana ba rata thata ngwao, le puso le yo ne e  nale mananeo a rotloetsang  merafe ka go farologana go tsosolosa ngwao.

Rre Kobae wa dingwaga tse 74, ke mongwe wa bagolo ba ba setseng ba inaakantse le go somarela ngwao ka go letsa diletswa tsa setso.

Le fa a setse a godile jaana,  o tshwarisitse banana bothata mo kgaolong potlana ya Boteti, ba mo utlwalela fela mo dikgaisanong tse di simolodisitsweng ke Tautona Lt. Gen Seretse Khama Ian Khama tsa mmino le diletswa tsa setso ka go farologana .

O nna fela a itlhomile kwa pele.

O supile fa dikgaisano tseo di le botlhokwa thata ka di rotloetsa ngwao  e bile gape di thusa go tokafatsa matshelo ka gore ba atswiwa ka sengwenyana e seng jaaka bogologolo a ne a letsa fela a sa lebogiwe ka sepe, e le fela go itumelela gore o nna gaufi le magosi.

A re o leboga thata Tautona Khama ka go rotloetsa ngwao, a supa gape gore banana ba kgaolo potlana ya Boteti ba segofaditswe thata, ka gore o ba fa sebaka sa go ithuta mo go ene.

Le fa go ntse jalo, Rre Kobae o gakolotse baatlhodi gore ba tsenye leitlho thata ka gore batshameki bangwe ba setinkane ba setse ba tswakantse thata, e bile ba ntsha molodi o ka reng wa motho a letsa katara.

“Moribo wa setinkane  ga oa tshwanelo go utlwala o kare ke wa motho a letsa katara, le fa motho a reeditse a le kgakala o tshwanetse a kgone go farologanya molodi wa katara le wa setinkane.”

A re banana ba gompieno le fa ba kgatlhegela go letsa setinkane ba lebeletse thata go natefisa le go dira madi fela mme ba lebala ntlha ya go somarela ngwao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 04 Mar 2014