Mapodisi a Middlepits a tiisa baithuti moko
03 Mar 2014
Mo maitekong a go aga tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso, e rile bosheng mapodisi a Middlepits a abela sekolo se se botlana sa Gakhibane sejana ba ba akgolela maduo a mantle a ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa.
Go ya ka mookamela mapodisi a borwa Rre Oreeditse Mautle, mapodisi a Middlepits ba ile ba kopanya ditlhogo go tswa ka maano a go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone.
O tlhalositse fa e rile ka 2011 ba rola kgaisano ya sejana semmuso, maikemisetso e le go se abela sekolo se se tlaa itlhomang kwa pele morago ga dingwaga tse tharo.
Kgaisano eo, e akaretsa dikolo tse dipotlana mo metsaneng e e dikologileng Middlepits e bong Kolonkwaneng, Bogogobo, Khuis, Khawa le Gakhibane.
Rre Mautle o tlhalositse fa thotloetso ya bone e ikaegile mo go reng bana ba tlhwaafalele go rutega le go ntsha maduo a mantle gore ba tle ba nne batho ba ba eletsegang mo setshabeng, a tlatsa ka gore seo se ka fokotsa dipalo tsa botlhoka tsebe le borukutlhi.
Mapodisi a Middlepits ba kgobokantse madi go tswa mo dipateng tsa bone go reka sejana, ba bo ba abela sekolo sa Gakhibane sekete sa dipula.
Mme mo go one makgolo a matlhano a ikgapetswe ke moithuti yo o gaisitseng botlhe e bong Memory Jacobs.
Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Gakhibane Rre Mofana Tumaeletse, o kaile fa ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la motlakase mo sekolong, ba tsweletse ka go gatela pele e bile a le motlotlo ka seo.
Mogokgo a re ba ikemiseditse go leka ka thata ka se ba nang le sone ka tshepho ya gore dilo di tlaa apara tshiamo motlha mongwe.
Rre Tumaeletse o kaile fa e sale ka 2011 ba sepodisi sa Middlepits ba sena go ba rolela maikaelelo a bone, sekolo sa gagwe se ne sa leka ka thata.
O tsweletse a re baithuti ba tlhoka thotloetso, go gakololwa le gone go engwa nokeng mo dithutong tsa bone.
Mogokgo o kaile fa ka 2009, baithuti ba bereketse seelo sa 15%, ka 2010 e ne ya nna 57%, fa ka 2011 ba bereketse 59%, 2012 ya nna 52% fa ka 2013 ba bereketse 62.5%.
O tlhalositse fa e sale ka 2011 sekolo sa gagwe se tsaya ketapele mo dikolong tsa kgaolo ya Middlepits.
Mongwe wa baithuti ba pele ba sekolo se sebotlana sa Gakhibane ,Mme Lilly Sullivan o ne a fa bopaki ka go tlhwaafalela dithuto le maduo a gone.
O gakolotse gore mo botshelong motho a tshwanetse go bereka ka thata go fitlhelela ditoro tsa gagwe, a kaya fa dikgwetlho di tshwana le lehuma di ka dirisiwa go rotloetsa mowa wa tebelopele e seng boitlhobogo.
Mme Sullivan o rotloeditse baithuti go ikanya thuto ka ke boswa jo bo ka se keng jwa tsewa ke ope mo go bone.
A re ga gona sepe se se tlang motlhofo mo botshelong fa o sa bereke ka natla, a tlhalosa fa ene a ne a ithuta ka thata go bo a le fa a teng. Mme Sullivan yo o direlang ko komponeng ya Mascom, o ne a ntsha dikete tse tlhano tsa dipula.
Moithuti yo o gaisitseng o ne gape a ikgapela dikete tse pedi tsa dipula, fa ba ba tsereng A, ba filwe makgolo a matlhano mongwe le mongwe gammogo le megala ya letheka go tswa gone kwa Mascom. Ba ba tsereng B, ba neetswe makgolo a mararo a dipula.
Mme Sullivan o ne a rotloetsa batsadi go tsaya seabe mo thutong ya bana ba bone, a re go mo magetleng a bone go bona gore bana ba tsweletse jang ka ke bone bokamoso, a tlatsa ka gore barutabana ba ka se kgone ba le nosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Ntau
Location : TSABONG
Event : Kabo mpho ya sekolo
Date : 03 Mar 2014






