Badiragatsi ba leboga lephata
03 Mar 2014
Badiragatsi ba botaki ba Kgaolo ya Legare ba lebogile go menagane lephata la botaki, bodiragatsi le ngwao go bo le bone botlhokwa jwa go ba kgobakanya go rotloetsa dikgwebo tsa bone.
Ba akgotse lephata leo, mo letsatsing la bone la ditshupo tsa tiro ya diatla mo Serowe ka mafelo a beke.
Mo potsolotsong le mongwe wa badiragatsi, Rre Mogomotsi Tumelo o tlhalositse fa letsatsi le le tsile sentle ka jaanong ba tsile go kopana le ba bangwe go itshupa. Rre Tumelo yo o diragang thata ka botaki mo maeng a bontshe, a re letsatsi le, le mosola ka e bile gape Batswana ka kakaretso ba tsile go ba itse le gore ba dira botaki jo bo ntseng jang.
Rre Tumelo a re kgwebo ya gagwe o e simolotse dingwaga tse pedi tse di fetileng mme o supa fa e tsweletse sentle.
A re o ne a lemoga fa a ka itshetsa ka botaki jwa gagwe, a tlatsa ka gore o simologile a rata botaki mme go tlhoka dikgakololo tse di tseneletseng, o ne a feletsa e le morutabana wa botaki mme morago a tlogela tiro eo a itebaganya le go itirela.
O supile fa Batswana jaanong ba ntse ba lemoga bomosola jwa botaki, ke ka moo le puso e emeng ka dinao go ba rotloetsa.
A re e re le ntswa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle, ga a jesiwe diwelang ke mabenkele a a rekang disupiwa tsa bone a supa fa ba di turisa fela thata mme di tsaya lobaka mo mmarakeng di sa rekwe.
Fa a tlaleletsa mo mafokong a ga Rre Tumelo, Rre Kabelo Temo go tswa kwa Moiyabana, yo o itebagantseng le tshugo ya matlalo a diphologolo, o ne a akgola lephata leo la botaki, bodiragatsi le ngwao gore ka lone ba tsile go itshupa mo setshabeng mme e bile ba ka kgona go godisa dikgwebo tsa bone.
O tlhalositse gore o dira diaparo tsa setso tsa matlalo, diphate, dihutshe le ditlhako mme a supa gore theko e kwa tlase mme mo malatsing a a tshwanang le le, go nna botoka fela thata.
A re le fa a tsile go rekisa mme gape o tsile go tsaya malebela mo go ba bangwe go bona gore o ka tokafatsa bodiragatsi jwa gagwe jang.
E ne e rile gole pele a amogela badiragatsi kwa letsatsing leo, Rre Scobie Lekhutile go tswa kwa Khama III Memorial Museum, a tlhalosa fa tiro ya bodiragatsi jwa tiro ya diatla bo le mosola fela thata.
Rre Lekhutile a re bodiragatsi bo na le seabe fela se setona mo lefatsheng e bile bo thusa go somarela ngwao.
O tlhalositse gore puso e lemogile bomosola jwa badiragatsi mme ya tlhoma letsatsi le ka lone ba tshwanetseng ke go tswela kwa ntle ba abelana megopolo le go ipapatsa.
A re puso gape e leka ka gotlhe go sireletsa badiragatsi ka go dira melawana e e ba sireletsang ga mmogo le ditiro tsa bone.O gakolotse badiragatsi go tsweledisa tiro ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2014






