Mosojane a re dikgosi di rotloetse nyalo
03 Mar 2014
Moeteledipele wa kgotla ya Tati, Kgosi Ludo Mosojane o kopile dikgosi go tla ka ditsela tse ba ka lwantshang go nna fela ga baratani lebaka le le leele ba sa nyalane.
Fa a bua mo thuto-puisanong ya Re a Nyalana kwa Francistown, Kgosi Mosojane a re go lwantsha go nna fela ga baratani go ka fokotsa go ata ga HIV/AIDS le gone go fokotsa palo ya bana ba ba tsholwang kwa ntle ga lenyalo.
Kgosi Mosojane o gwetlhile dikgosi go rotloetsa merafe ya bone go amogela bogadi ka go bo kgaoganya fa go tlhokega. A re, “batsadi ba tshwanetse go rotloetsa bana go nyalana bogadi bo le teng kgotsa bo seo, se e le go leka go lwantsha seemo sa baratani sa go nna lebaka le le leele ba sa nyalane.”
O rotloeditse gore mephato e busediwe mme e tlhabololwe. A re “sekai e ka nna setlhopha sa basimanyana ba dingwaga tse di 16 go ya go 22 ba bo ba rutuntshiwa ka maikarabelo a go nna bo rre.”
A re go nna le mephato eo go tlaa thusa go thiba phatlha e e bulegileng ka gonne bana ba bangwe ba godisiwa ke motsadi a le esi. A re mo go tsone dikokoano tse banana ba ka thusiwa go nna le maikarabelo a gore ba ka nna le bana leng.
Kgosi Mosojane a re, ditiro tse di nang le borre ba le bantsi di tshwana le sepodise le sesole, di tshwanetse go akaretsa dithuto tsa boitsholo le tsa botsogo mo ithutuntshong ya bone.
Mookamela mapodisi a Gerald, Superintendent Masego Mathitha a re, go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana go oketsa borukhutlhi, a supa fa ka 2012 le ngwaga o o fetileng, go begilwe dikgang di le tlhano tsa dipolaano tsa marato ka ngwaga, fa tsa go gobatsa mo go feteletseng e ne e le 30 ka 2012 le 43 ka 2013.
Superintendent Mathitha a re dikgang tsa go gobatsa tsone di begilwe di le 303 ka 2012 le 238 ngwaga o o fetileng, fa go ntsha dintho mo go sa letlelelweng di le 303 le 238 ka tsone dingwaga tsa 2012 le 2013.
A re bontsi jwa dikgang tse di diragala magareng ga baratani mme go bega bomme.
O rotloeditse baeteledipele ba morafe go kgothatsa borre go bega dikgetse tsa diketeko ka gore molao o sireletsa mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa bong bofe.
O supile matshwenyego a gore mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bong, bomme ga ba bege fa ba kgokgontshiwa ka gonne ba ikaegile ka bone bakgokgontshi bao, go ba tshetsa.
Modiredi go tswa kwa ofising e e itebagantseng le tsa bong, Rre Shepherd Monyeki a re go ya ka dipalo tsa batho le matlo tsa 2011, go supega fa masome a mabedi le bobedi mo lekgolong a batho ba ba dingwaga tse di 18 go feta ba nyetswe.
A re manyalo a le 1 644 mo lefatsheng leno ke a batho ba dingwaga tse di magareng ga 12 le 17, tse e leng dinyalo tsa bana mme mo Francistown le mafelo a a mabapi go na le le manyalo a mofuta oo a le 115. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : FRANCISTOWN
Event : Thuto-seka-dipuisanyo
Date : 03 Mar 2014






