Breaking News

Monna o ikgapetse botshelo

03 Mar 2014

Mapodise a tlhotlhomisa leso la monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe, wa kgotla ya Phase 1 kwa Letlhakane, yo o ikgapetseng botshelo ka go ikaletsa. 

Detective Assistant Superintendent Lesego Ndebele, o supile fa moswi a tlholega kwa Serowe A re go lebega go ne ga nna le dikgotlhang magareng ga moswi le mokapelo wa gagwe mo nakong e e fetileng mme mo nakong eno gone go lebega tsotlhe di apere tshiamo morago ga go buisana le go itshwarelana mo diphosong tse ba neng ba di dirile.

Rre Ndebele a re go supa fa e rile kgwedi ya Tlhakole e le lesome le bofera bongwe moswi a bo a tsena ka lenga la seloko, mme a iponatsa mo lwapeng morago ga malatsi a le marataro go sena ope yo o neng a itse kwa a neng a ile teng.

Ditlhotlhomiso tsa mapodise di supa fa mo mosong wa letsatsi la tiragalo mme yo o neng a nna le moswi, jaaka e ne e le baratani, a ne a laela mokapelo wa gagwe a ya go ipaakanya moriri mme e ne ya re a boa, fa nako e tsamaela kwa go lesome le bobedi motshegare a gakgamadiwa ke go fitlhela moratiwa wa gagwe a akgega mo marulelong a ntlo, a tlogetse molaetsa o o supang gore o na le mathata mo lelwapeng la gagwe.

Mabapi le dikgang tsa baratani, Rre Ndebele a re o kgothatsa baratani gore fa ba na le mathata mo loratong lwa bone, ba kope dikgakololo mo go ba ba tshwanetseng jaaka ba boipelego, ba sepodise, bagolo le bo mmakaseterata ka gore se se ka thusa go fokotsa dikgang tsa go ikgapela botshelo. O supile fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse mme maina a moswi a lobilwe go fitlha ba masika ba itsisiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : LETLHAKANE

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 03 Mar 2014