Dipompo tsa kgopo ya metsi a a leswe di senyegile
03 Mar 2014
Mookamela lephata la metsi mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane, Rre Ditiro Mogotlhwane a re dipompo dingwe tsa kgopho ya metsi a a leswe mo toropong ya Jwaneng di senyegile.
Mo potsolotsong bosheng, Rre Mogotlhwane o tlhalositse fa toropo eo e gopiwa metsi a a leswe ka dipompo di le masome a marataro le bongwe, mme mo bogompienong go senyegile di le lesome le botlhano.
O boletse fa go baakanya dipompo tseo go lopa dikete tsa dipula di le makgolo a mane, ka jalo ba bone go le botoka go reka tse di sha go na le go baakanya tse di senyegileng.
A re e re ntswa ba emetse ofisi e tona kwa Gaborone go busetsa seemo mo taolong, ba tsweletse ka go fapaanya dipompo tse di leng teng go gopa metsi kwa go senyegileng teng. Le fa go ntse jalo, a re go dira jaana le gone ntse ke kgwetlho ka gore fa ba fudusang dipompo teng go sala go nkga.
A re ba tsweletse ka go tshela dinkgisa monate go dikologa maemelo a dipalamo tsa setshaba go fokotsa monko fa go santse go emetswe seemo go boela mo maemong.
Mongwe wa barekisi kwa lefelong la mapalamelo a dibase , Mme Nnyana Seloka o tlhalositse fa monko oo, o sa ba tseye sentle ka gore o kgoreletsa le bone bareki go tla go reka dijo tsa bone.
A re monko o ka fa o leng bogale ka teng, o ka ba tsenya bolwetsi ka ba o hema malatsi otlhe.
Mokgweetsi wa dipalamo tsa setshaba Rre Thatayaone Kekgethile le ene o supile matshweyego ka monko oo, o a reng o ka kobela toropo ya Jwaneng baeng ba ba tlang kwa moepong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keabetswe Gobatlwamang
Location : JWANENG
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2014






