Mogokgo o ngongorega ka mosuke
03 Mar 2014
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Sese mo kgaolong potlana ya Jwaneng-Mabutsane o ngongoregetse tlhaelo ya matlo a borutelo.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Modiriwa Masoloko o supile fa ba lebaganye le kgwetlho ya letlhoko la matlo a borutelo, a tlatsa ka gore seemo se se ba ketefaletsa tiro le go feta.
Mme Masoloko a re ba tshwenngwa ke palo e ntsi ya bana ba sekole e e golelang pele ngwaga le ngwaga. A re mo bogompienong sekolo seo se na le bana ba le makgolo a fera bobedi le boferabongwe.
A re dipalo tse tsa bana di hupetsa palo ya matlo a borutelo le bone barutabana tota. O boletse fa jaanong ba patelesega go rutela bana ba bangwe ka fa tlase ga ditlhare. A re sebe sa phiri e nna fa ba pitlaganngwa ke seemo sa bosa se tshwana le dipula.
O tlhalositse fa gape matlo a borutelo a a leng teng a onetse, selo se a reng se tsenya matshelo a baithuti mo diphatseng.
A re sekolo sa bone se na le barutabana ba le masome a mabedi le borataro, ka jalo ba patelesega go tlhakanya ditlhopha tsa bana fa ba ruta.
O tlhalositse fa go tlhakanya bana e le kgwetlho ka bogone ka jaana ba sa kgone go laolesega sentle fa ba le bantsi.
Le fa go ntse jalo, Mme Masoloko o supile fa sekole sa gagwe se sa supe kwelotlase ya maduo. A re le fa maduo a sekole a sa kgotsofatse mo go kalokalo, gone mme ga a supe a wela kwa tlase, selo se a reng se a ba tlhagafatsa e le bodiredi.
Sekole seo se dikile se pasitse ka masome a marataro le botlhano mo lekgolong, fa go tshwantshanngwa le masome a marataro le bongwe mo lekgolong mo ngwageng wa 2012.
Mogokgo o tsweletse ka go kopa batsadi go tshwaraganela bana le bogogi jwa sekole gore maduo a tle a tokafale. A re e re ntswa barutabana ba leka bojotlhe go fitlhelela letshego la tebelopele la 2016 ya tshaba e e rutegileng ebile e na le kitso, go botlhokwa gore batsadi le bone ba tsenye letsogo gore tiro e tle e tlhofofale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atang Mothalabi
Location : JWANENG
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2014






