Batswana ba kopiwa go tsaya dikereke tsia
03 Mar 2014
Batswana ba kopilwe go tsaya dikereke tsiya le go di tsena ka mashetla.
Se se builwe ke mothusa tona wa Temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi, jaaka a ne a buwa kwa phuthegong e e faphegileng ya dikereke kwa kgotleng ya Shoshong ka Matlhatso.
Rre Molebatsi, yo ebileng e le mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa, a re lefatshe la Botswana ke lefatshe la sekeresete, mme ka jalo go maleba gore batho ba boele kwa moding wa go tsena kereke.
A re lefatshe leno le a kopakopana, ka jalo a itebaganya le bao ba ba tsenang dikereke, a ba kgothatsa go itshekatsheka go bona gore matsapa di a tsaya kae. Rre Molebatsi a re sebe sengwe se segolo ke gore bakeresete e le badumedi ka go farologana ba a nyatsana.
A re go nyatsana ga go ise gope, a tlatsa ka gore ebile go dira gore bangwe ba tshabe go tsena dikereke, mme moo a re go bolaya go ka boela mo sethong sa botho sa tlholego ya Motswana.
O ne a kopa batho gore ba nne le go ikokobetsa, a tlatsa ka lefoko go tswa mo thamageng, le le reng “Fa batho ba ba bidiwang ka leina la me ba ka ikokobetsa, ke tlaa ba reetsa mme ke fodise lefatshe la bone”.
A re gore dikereke di bo di ikgogomosa ka gore ‘ke tsone, ke tsone’ go tsisa tobekano ya maikutlo le megopolo.
Mothusa tona o ne a kopa gore go nne le popagano ya bakereki go sa kgathalasege gore mang o obama kae kgotsa jang.
Rre Molebatsi o ne gape a kopa botsadi go nna bo tsamaya le bana ba bone go ya dikerekeng.
A re moo go ka thusa go fokotsa go tlhoka tsebe mo go tletseng thata mo bananeng, a tlatsa ka gore dikereke tse dingwe di setse fela ka bagolo mo matlotleng fa banana bone go se tsapa le ba fisang pelo.
Mothusa tona o ne a kopa banana go tsaya tsia go inaakanya le dikgang tsa Modimo, mme ba boele kerekeng, a tlhalosa fa moo go ka ba tsisetsa kagiso mo matshelong a bone.
A re e re ba tsena mo kerekeng ba seka ba nna baeng fela, mme e nne batsaya karolo, ba ikgolaganye le bagolo go ba ruta tsamaiso le bone ba fitlhe ba ba gakolola fale le fale.
Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o ne a kopa dikereke tsotlhe go tsosolosa sekolo sa Tshipi gore bana ba bannye ba tseye karolo.
A re mo dikerekeng dingwe, bana ba kgaphelwa kwa thoko ntswa le bone ba batla thuto ya lefoko la Modimo.
A re ba tshwanetse ba fiwe thuto e e ba lekaneng, e ba ka e utlwang mme ba e tlhaloganye, eseng thuto ya bagolo, ka gore ba a bo ba ise ba bulege go ka tlhaloganya mokgwa o bagolo ba rutwang ka one.
A re seo se ka aga tshaba ya Botswana e e nonofileng.
Rre Molebatsi o ne a abela bagolo ba diphuthego dibaebele, mme a ba solofetsa gore o tlaa ba tsisetsa tse dingwe tsa Setswana di le masome a mane ka Labotlhano wa beke eno.
Mopalamente Molebatsi o ne gape a solofetsa gore o tlaa thusa go gokela motlakase wa leobo la kgotla ya Shoshong.
Fa a neela malebo mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Phillip Makgalemele, o ne a kopa morafe go tswelela ka go gasa efangedi.
A re go boela kerekeng go botlhokwa ka go ka tila diphapaang tse di tletseng lefatshe ka bophara. Le ene fela jalo, jaaka mothusa tona, o ne a kgothatsa ka moono wa gore a bana ba seka ba sala mo malwapeng fa batsadi bone ba ya dikerekeng.
O bile a kgothatsa bakeresete gore ba nne le seabe se se tseneletseng mabapi le go thusa mo mehameng yotlhe e akaretsa ya tsa temo, ditlhopho, dikolo, botsogo le tse dingwe ka go farologana.
Rre Makgalemele a re phuthego e e faphegileng eo, e ne e na le maikaelelo a go tsena ntlo le ntlwana mo motseng wa Shoshong, go utlwa maikutlo a morafe mabapi le go boela dikerekeng, mme e bile ba rotloetse morafe ka mosola wa kereke mo matshelong a bone.
Le fa go ntse jalo, maiteko ao a ne a tlosolosiwa go tshwarwa nako e e tlang mabapi le pula ya medupe e neng e tshologa mo mosong oo.
Setlhogo sa letsatsi se ne se re, “Batho boelang kwa dikerekeng”, se mopalamente Makgalemele a neng a tlhalosa gore ke maikaelelo a gagwe go anamisa moono oo mo kgaolong ya gagwe yotlhe ka bophara.
Fa a amogela baeng, Kgosi Sejakgomo Ntsaga, o ne a re go botlhokwa thata gore dikereke di tshwaragane. Kgosi Ntsaga a re pula e a tsorotla ka e rapeletswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya dikereke
Date : 03 Mar 2014






