Ba batla Tautona a ba etela
03 Mar 2014
Banni ba Pilikwe, Mhalapitsa le Maape ba kopile Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcus Makgato Malesu, gore a ba kopele Tautona go etela metse ya bone.
Ba buile mafoko a mo diphuthegong tsa kgotla tse tona a neng a di biditse kwa metseng eo bosheng. Ba supile fa le bone ba eletsa gore letsatsi lengwe Tautona a ka etela metse ya bone mme atle go ba fa dikobo le dimpho tse dingwe tse ba tlholang ba bona a di abela Batswana ba bangwe, kwa mafelong mangwe a lefatshe leno.
Bontsi jwa banni ba ne ba tlhalosa fa mafelo a bone le one a na le batlhoki fela jaaka a Tautona a setseng aa etetse mme ebile gona le bangwe ba ba tlhokang go agelwa le one matlo tota.
Diphuthego tseo di ne di tseneletswe ke makalana otlhe a a ka fa tlase ga lephata la Papadi le Madirelo, go balelwa le LEA, le lephata le le fang Batswana madi go itshimololela dikgwebo la CEDA.
Morago ga gore Tona a supe matshwenyego ka dipalo tsedi kwa tlase tsa batho ba ba setseng ba dirisa lekalana la CEDA go adima madi a go itshimololela dikgwebo mo kgaolong eo, banni ba supile fa ba na le keletso ya go adima madi ao mme sebe sa phiri e le gore difomo tsa ikopelo di thata go tladiwa ka ebile go dirisiwa puo ya seeng fela mo go tsone.
Ba supile fa gape go tsile go nna thata gore ba kgone go akola mananeo ka go farologana ka gore seemo sa ditsela tsa metse ya bone se maswe, motlakase e le o o sa lekanang go ka tsamaisa dikgwebo le metsi a bontsi jwa nako a seyong mme koporase ya metsi e nna fela e ba lopa go duela madi a mantsi.
Tona o ne a supa fa a dumalana le bone gore fa ditlamelo di tshwana le ditsela, metsi le motlakase di sokodisa, ga go motlhofo gore baka tsamaisa dikgwebo mme aba solofetsa fa a tlaa tsaya matshwenyego ao go a isa kwa go ba ba lebaneng le gone go tsibosa Tautona ka kopo ya bone.
A re le ene kgang e e mo tlhokisa boroko ka jaana tiro ya lephata la gagwe e le go netefatsa fa Batswana ba itshimololela dikgwebo gore ba tle ba inamole mo lehumeng, go direla lefatshe madi le gone go tswakanya itsholelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Mar 2014






