Breaking News

Ipelegeng ga se tiro ya sennela ruri

02 Mar 2014

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso o boleletse makhanselara a kgaolo potlana ya Kanye gore Ipelegeng ga se tiro ya sennela ruri mme ka jalo batho ba tshwanetse go fapaanela go e bereka go thusana matshelo.

Mme Tshireletso o buile jalo fa a ne a buisa makhanselara ka melawana e mesha e e laolang lenaneo la Ipelegeng le molao wa tshireletso ya bana mo Kanye bosheng.

O boletse fa ba tshwentswe thata ke maloko a komiti ya ditlhabololo tsa metse (VDC), gore jaanong ba itirile gore bone ke bone fela ba ba laolang, e bile ba bereka ngwaga otlhe ba sa fe ba bangwe sebaka ka go  fapaana. O supile fa  maloko a  VDC a ikgagapelela ditiro tsotlhe mo motseng ba  sadisetsa morafe kwa morago.

Mme Tshireletso a re Ipelegeng e direletswe Batswana botlhe bogolo jang ba ba sa berekeng le ba ba dikobo dikhutswane, mme a kopa gore ba bereke ka tekatekano.

O ba tlhaloseditse ka melawana e mesha e e kgaphang maloko a  VDC mo ditirong tse di kotsi tse di ka ba diragalelang fa ba theogetse. A re  ga ba a  tshwanela go ya ka bana le babelegi kwa tirong ya Ipelegeng ka gore fa ba tlhagelwa ke kotsi puso ga gona fa e ba thusang teng.

O boletse gape gore ga go apeelwe kwa mafelong a tiro, ke sone se puso e dirileng gore ba fiwe borotho le seno tsididi. Mothusa tona o kgadile gape go robala mo tirong, a bolela fa go diragala thata mo e bileng o fitlhela babereki ba robetse le baeteledipele ba bone. O kgadile gape go dirisa ditagi mo tirong a bolela fa go le kgatlhanong thata le molao.

Mma Tshireletso a re, “ Re kgatlhanong le matlhapa a a dirisiwang ke babereki bangwe mo baeteledingpele ba bone, go tla morago mo  tirong go sena pego epe , mme motho kwa bofelong a batla madi’’.

O  boletse gore fa mmereki a ya ngakeng o tshwanetse go ikopa ka fa molaong mme fa a boa a supe pampitshana e e supang fa a ne a bona ba bongaka. A re  ba tshwenyegile ka  bogodu ja di dirisiwa mme a kopa maloko a VDC gore ba tsenye leitlho.

O gakoletse morafe le makhanselara gore fa go tlhophiwa ditlhogo tsa di VDC, go lebelelwe mo bathong ba ba itseng go bala le go kwala le gore ba bo ba itse sentle ditiro tsa motse tse di dirwang, ba le tlhaga gape ba le dinatla.

A re  baeteledipele ba  tshwanetse gore ba nne mo lefelong la tiro nako le nako e bile ba kwale maina a babereki ka nako e ba theogelang ka yone e seng go kwalela kwa malwapeng a bone jaaka gotwe go a diragala.

Fa ba mo kgwa dikgaba makhanselara bangwe ba kopile gore Ipelegeng e thape thata ko metseng ya magae a mannye ka go na le letlhoko la ditiro thata gona le magae a matona.

Ba kopile gape gore madi  a Ipelegeng a dikatso a okediwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Tona a buisa Khansele

Date : 02 Mar 2014