Breaking News

Baithaopi ba rutwa ka dibetso tsa tlholego

02 Mar 2014

Baithaopi ba le masome mabedi le boraro ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu ba rutuntshiwa ka go laola manokonoko a dibetso tsa tlholego kwa Lesoma mo kgaolong ya Chobe.

Baithaopi ba, ba ba tswang mo mafelong a a farologaneng mo Botswana, ba rutuntshiwa ke lekgotla la mafatshefatshe la sefapaano se sehibidu, ofisi ya dibetso tsa tlholego le mokgatlho wa sefapaano se sehibidu wa Botswana.

Mogolaganyi wa kgaolo wa dibetso tsa tlholego, Rre Stanley Ndhlovu a re barulaganyi ba setse ba rutuntshitse batho ba ba laolang manokonoko a dibetso tsa tlholego  kwa Zambia, Namibia, Malawi le Swaziland.

Rre Ndhlovu a re batho ba tshwanetse go nna ba ipaakantse  ka gonne dibetso tsa tlholego di a ipoeletsa, a tlatsa ka go re, ‘fa re sa kgone go di tila, a re lekeng go di fokotsa’

Molaodi wa Chobe, Dr Temba Mmusi a re thuto puisano  e,  e  tsile ka nako e e tshwanetseng  ka gonne batho ba tlhokana le thuto ya go laola manokonoko a dibetso tsa tlholego.

A re dibetso di farologane mme di akaretsa  thoromo ya lefatshe, go thunya ga lekgwa-molelo, difefo le diemo tse dingwe tsa tikologo. A re mafatshe a  a tshabelelwang ke dibetso tsa tlholego a ka tswa a le kgakala le rona, mme fa dipaka di ntse di fetoga jaana, le rona seemo seo se ka re ama.

Molaodi a re thutopuisano eo e diragetse ka nako  e e siameng  ka gonne ka Moranang, Motsheganong  le Seetebosigo mo kgaolong eo  go nna le dibetso tsa tlholego di tshwana le  merwalela  le melelo ya naga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : KASANE

Event : Ithuthuntsho ya baithaopi

Date : 02 Mar 2014