Breaking News

Nyeletso lehuma e tlhoka kelelelo

02 Mar 2014

Makhanselara a Kweneng a tlhalositse fa go le botlhokwa gore lenaneo la nyeletso lehuma le nne le balebeledi ba ba tlaa tlhomamisang gore le tsamaisiwa sentle.

Ba akgetse jaana morago ga molaetsa o o neng o rolwa ke modulasetilo wa khansele, Rre Motlhophi Leo bosheng mo phuthegong ya bone.

E rile a tsibogela mafoko a modulsetilo, Rre Kebawetse Kabelo wa Mahetlwe o ne a dumela fa lenaneo le tlhoka balebeledi gore ba bone gore a batho ba tshwara dilo tse ba di abetsweng sentle.

O ne a fa sekai ka go re banana ba ba abetsweng madi a lenaneo le ga ba a dirise sentle, ba reka didirisiwa tse ba di tlhokang go simolola dikgwebo mme madi a a salang ba a dirise dilo tse di duleng mo tseleng.

O tlhalosa fa kwa kgaolwaneng ya gagwe go nna go na le kgang ya gore dipodi di sule mme ba di rekisitse kana ba di jele, a bua gore fa go na le ba ba ka nnang ba tlhotlhomisa go bona gore batho ba dirisa lenaneo ka fa go tshwanetseng ka teng, go ka ba thusa go tokafatsa maduo a lenaneo le.

O gateletse gore madi a nna fela a tswa mme dipalo tsa batlhoki ga di fokotsege, mme fa go ka nna le ba ba thusang batlhoki go dirisa lenaneo sentle dipalo di ka fokotsega. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Mankgwenyane, Rre Masiele Letlhogile o ne a tlhalosa fa ba sale ba solofeditswe motho go tla go ba thusa mo go tsa nyeletso lehuma ka gone go twe bodiredi bo a tlhaela mme nako kgolo ke eno.

O tlhalosa fa ba ba lemang merogo ba setse ka disaile fela go se na merogo ka metsi e le bothata mo Molepolole.

Rre Letlhogile o ne a bua fa madi a ba a abetsweng go simolola dikgwebo tsa merogo a dule mme ba sa a dirise ka go se na metsi.

O ne a kopa gore ba metsi ba kgothadiwe gore dikgwebo di tle di tswelele.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Pule Masego o tlhalosa fa kgaolo ya Kweneng e na le mananeo a nyeletso lehuma a le masome a supa le borataro mme go le bonya gore batlhoki ba thusiwe ka nako.

O tlhalosa fa a nna a etela diofisi tsa lenaneo le, mme a fitlhela batho ba le mo moleng.

O ne a tswelela ka go re batho ba ba thusiwang mo lenaneong le ga twe ke ba ba mo lehumeng la nta ya tlhogo, mme bone ba o fitlhela ba se na kgatlhego ka ba sa tlhokomele tse ba di abetsweng.

A re o bona go le botoka gore go abelwe batho ba ba ka kgonang go tlhokomela e bile ba na le kgatlhego mo lenaneong.

O ne a akgola ba ba lemang mabele le dinawa, a tlhalosa fa bana kwa dikoleng ba tlaa bona dijo gape le bone balemi ba tlaa ithusa go tsholetsa matshelo a bone ba bo ba rotloetsa ba ba boitseme go lema. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Margaret Motswana

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 02 Mar 2014