Khama o motlotlo ka bagodi
02 Mar 2014
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re bagodi ba nnile le seabe se segolo mo go ageng lefatshe le.
Tautona Khama o buile jalo ka Matlhatso kgwedi ya Mopitlo e rogwa kwa Kopong a abela bagolo dikobo, dipone tse di dirisang letsatsi, dihempe le dibaebele.
A re puso e ntse e leka bojotlhe go rurifatsa gore banana ba eme ka dinao go itirela ka e le bone bokamoso jwa Botswana. Tautona Khama a re le fa go ntse jalo, Batswana ga ba a tshwanela go lebala bagodi ka e le bone ba dirileng motheo wa lefatshe la Botswana.
“Ke leboga tiro e le e dirileng le ka fa le neng le tshwere ka teng go direla lefatshe leno,” ga bua Tautona Khama. A re o leboga gore pula e bo e tsweletse ka go na ka jaana seo se raya gore Batswana ba tlaa bona se ba se jang.
A re dikobo tse a di abang di tlaa thusa mariga ka e bile a se kgakala. Tautona Khama o ne a bontsha bagolo ka fa lebone la marang a letsatsi le berekang ka teng. O ne a wetsa tiro ka go abela baruti dibaebele gore ba rute lefoko la Modimo ka le le botlhokwa mo botshelong jwa motho.
Kgosi Michael Molefe wa Kopong o ne a lebogela Tautona Khama tiro e a e direlang lefatshe leno mme a re mpho ke selo se se botlhokwa, bogolo jang se fiwa mogolo e le malebo.
E rile Mopalamente Maj. Gen. Moeng Pheto a leboga a supa fa Tautona a dira tiro e ntle mme seo se tla aga mo dipelong tsa Batswana. A re o lebogela dimpho tse bagolo ba di amogetseng ka jaana di tlaa ba tswela mosola.
Tiro e ne ya fela ka go ja sefitlholo mme Tautona a tsholela bagodi a thusiwa ke tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu le mothusa tona wa temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : KOPONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Mar 2014






