Makhanselera a amogela diphetogo tse di akantsweng
27 Feb 2014
Phuthego e e tsweletseng ya khansele ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e amogetse ka atla tsoo-pedi diphetogo tse di akanyeditsweng go dirwa mo lenaneong la thuto ya dikolo tse dikgolwane.
Fa ba a kgwa dikgaba badiri ba lephata la thuto le tlhabololo dikitso morago ga pego e baneng ba e bewa pele mo phuthegong ya khansele ka Laboraro kwa Masunga, makhanselara ba ne ba bua ba sa kgale mathe mo ganong ka seemo sa thuto ya lefatshe leno.
Mokhanselara, Rre Matthews Robby wa kgaolwana ya Ditladi, o supile fa lenaneo la thuto le le dirisiwang kwa dikoleng tse di kgolwane mo nakong eno le itsa bana go diragatsa ditoro le dikeletso tsa bone.
Le fa go ntse jalo, o ne a lebogela mogopolo wa gore go dirwe tshekatsheko e e tseneletseng ya barutabana, a re seo se tla tlhomamisa gore tiro ya go ruta e dirwa fela ke batho ba ba maleba e bile ba nale dikitso le bokgoni jo botlhokwang go ka isa lefatshe leno golo gongwe.
A re kgang ya gore batho ba itlhophele borutabana morago ga go tlholwa ke tse dingwe tse baneng ba eleditse go di dira, e tshwanetse ya tla kwa bokhutlong ka e le yone e e ntseng e tlhotlheletsa go tsena mo tirong eo ga batho ba sena lorato lwa yone.
Fa a akgela, mokhanselara Rre Farai Bonyongo wa kgaolwana ya Nlapkhwane o ne a kopa gore go seka ga lebelelwa fela thuto ya dikole tse dikgolwane, a tlhalosa fa barutabana ba dikole tse di potlana ba tshwere phage ka mangana ka ba tlamega go ruta dithuto tsotlhe tse di fiwang bana. A re, se gantsi se ba ketefaletsa tiro mme se dire gore ba retelelwe ke go ntsha ga tshwene mo tirong ya bone.
Rre Bonyongo o ne gape a kopa gore fa go sekasekwa go simolodisiwa ga go rutwa ga teme ya boraro, go seka ga tlodisiwa matlho diteme tsa mo gae, a tlatsa ka gore go elwe tlhoko botlhokwa jwa go ruta bana ka diteme tsa bone.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, yo gape e leng modula setilo wa khansele eo Rre City Kealotswe ,o gateletse botlhokwa jwa gore baithuti ba ba batlang tiro ya borutabana e nne fela ba ba supileng bokgoni jo bo kwa godimo mo dithutong tsa bone.
A re go a swabisa gore ka lobaka lo lo leele , borutabana e ntse e le gone kwa batho ba tshabelang teng fa ba iteile sefololetse kwa ba neng ba eleditse go ya go leka botshelo teng.
Mokhanselara Kealotswe o gwetlhile puso go tlhomamisa ka dinako tsotlhe gore dikolo di fiwa ditsompelo tsotlhe tse di di tlhokang gore go seka ga nna le seipato sepe sa gore ke eng tiro e sa dirwe ka manontlhotlho a a solofetsweng.
O boletse fa go tshwenya gore le ntswa lephata la thuto le fiwa madi a mantsi ngwaga le ngwaga fa go abiwa madi, bontlha bongwe jwa one bo felela bo busediwa kwa pusong mme letlhoko la di dirisiwa mo dikolong le ntse le le teng.
Mo ntlheng e nngwe RreKealotswe o kopile ba-nale-seabe botlhe go emela ka dinao thuto ya bana, a gatelela segolo bogolo botlhokwa jwa gore batsadi ba ikitee ka thupana ba seka ba salela kwa morago. A re gantsi batsadi ba goga dinao fa go tla mo dikgannyeng tsa thuto ya bana ba bone, a supa fa go sa gakgamatse go bo nako tsotlhe ba supa puso ka monwana fa bana ba sa dira sentle mo dithutong ka tota bone ba a bo ba emetse fale ,ba ithetse moriti o tsididi.
Mothusa-modulasetilo, e bile a le mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje Mme Florence Mpetsane, o supile ngongora ya gore ga go supege fa lenaneo le le akanyeditsweng le akaretsa banale-bogole, selo se a kopileng gore se tsenngwe leitlho e se ka yare kgabagare baithuti ba go nna jalo ba iphitlhela ba kgaphetswe ntle.
E ne e rile go le pele mogolwane kwa lephataneng la thulaganyo ya dithuto la Curriculum Development and Evaluation mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Molaodi Menyatso a bolela fa ba le mo thulaganyong ya go dira diphetogo mo lenaneong la thuto ya mephato e mebedi ya bofelo ya dikolo tse dikgolwane.
A re se se tla jaana morago ga go lemoga fa thuto ya lefatshe leno ya dikole tse di kgolwane e sa tsamalane le ya mafatshe a mangwe a a dirang bontle mo mererong ya tsa thuto. A re sengwe se go ikaeletsweng go se akaretsa mo lenaneong le le sha ke thuto ya botshelo jotlhe, se e le go rotloetsa baithuti go lemoga fa thuto e sa felele fela mo matlong a borutelo mme e tshwanetse ya tswelela le morago ga go wetsa dithuto tsa sekolo.
Ntlha e nngwe, Rre Menyatso o kaile fa e le ya go emisa thulaganyo ya nako eno ya go fetela kwa mephatong e e kwa pele le fa moithuti a sa dira sentle.
A re se se tla dirwa ka go tlama baithuti gore ba kokoanye dintlha tsa palo e e rileng pele ba ka letlwa go tswelela ba ya kwa legatong le le latelang.
Se sengwe o tlhalositse fa e le tshekatsheko e e tseneletseng e e tla dirwang mo barutabaneng go tlhola gore a ba mo seemong sa go ka ruta ka botswerere go ntsha maduo a mantle. Rre Menyatso o boletse fa kwa mafatsheng a a gatetseng pele mo go tsa thuto jaaka Singapore le Finland, go amogelwa mo borutabaneng fela bao ba ba ba dirileng go tlala ka diatla mo thutong ya bone ya dikolo tse di kgolwane.
A re thulaganyo ya lenaneo le le sha e tla dirwa go lemogwa fa baithuti ba sa tle kwa dikolong ba le lolea mme go a bo go nale dikitso dingwe tse ba nang le tsone.
O supile fa mo nakong eno baithuti ba tsewa e kare ga go sepe fela se ba se itseng ,fa barutabana bone go tsewa e le metlobo ya dikitso.
A re ka thulaganyo e e tlang kitso e moithuti a tlang ka yone e tla lemogwa mme tiro ya morutabana e nne go mo lemotsha kana go mo kaela se tota e leng sone boammaaruri jwa ntlha epe fela e e tla bong e rutwa.
RreMenyatso gape o ne a supa fa go tla rutwa go lebilwe gore bana ba rata e bile ba kgona eng, eseng tsamaiso ya nako eno e bana ba patelediwang go ithuta le tseo ba senang kgatlhego mo go tsone mme kwa bofelong ba seke ba dire sentle mo dithutong.
A re gape go akanngwa go tlhongwa ga dikolo tse di tla nnang boremelelo jwa dithuto tse di rileng, kgato e a boletseng fa e tla nolofatsa le maiteko a go fa dikolo ditsompelo tse di di tlhokang.
O tlhaloseditse makhanselara fa gape go tla fokodiwa palo ya dithuto tse baithuti ba tlamegang go e dira kwa mephatong ya bofelo e mebedi ya thuto ya dikolo tse di kgolwane.
A re ditlhophana tsa dithuto le tsone di tla dirwa go lebilwe gore moithuti o ka dira dithuto tse di tsamaelanang, go tswa mo go reng o rata eng le gore o batla go tsoga a tsenya letsogo mo mhameng ofe wa itsholelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 27 Feb 2014






