Lephata la botsogo le ipaakanyetsa dikoloi
27 Feb 2014
Lephata la botsogo le kopile puso gore le ipaakanyetse dikoloi tsa lone go lwantsha seemo sa letlhoko la dipalamo.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Monwane mo kgaolong ya Kweneng ka Labobedi, tona wa lephata leo Dr John Seakgosing a re go isa ditlamelo kwa bathong mo lephateng leo go kgorelediwa ke sebaka se dikoloi tsa lone di se tsayang di isitswe kwa CTO go baakanngwa.
A re, “jaaka lephata le le tshwereng selo se se botlhokwa se se tshwanang le botsogo jwa setshaba, ga go a a siama gore dikoloi tsa lone di bo di tswaletswe lebaka le le leele kwa CTO di emetse go baakanngwa”.
O tswelela a re ,“ke tsholofelo ya bone gore tsamaiso e ntsha e tla dira gore dikoloi di baakangwe ka bonako mme se se tokafatse go isetsa batho ditlamelo.”
Dr Setlalekgosi a re, la bofelo fa a tlhola ba CTO go ne go nale di dikoloi di le 443 tsa lephata la gagwe kwa teng , 188 ele di amulense, seemo se a reng se gomagometsa go phutlhamisa ditlamelo tsa botsogo tsa setshaba.
A re bosheng, lephata la botsogo le tlhophile dikoloi di le 177 go tswa kwa dikoloing tse di kwa CTO mme la di baakanyetsa go di dirisa mo dikokelong le dikokelwaneng. O tsweletse a re ,147 wa dikoloi tseo di setse di baakantswe mme lephata le ikaelela go kopa tse dingwe go di baakanya le bo le di dirisa.
Rev Setlalekgosi a re “Re tlhophile mediro ya dikoloi e e tshepagalang mo lefatsheng la rona, mme re solofela fa se se tla thusa go rarabolola matshwenyego a dikokelwana tse di ntseng lobaka di sena dikoloi.”
A re lephata la gagwe gape le batla go ipaakanyetsa dikago tsa lone ka gonne go tsaya lobaka gore lephata la dikago le baakanye dikago. A re puso e ikaelela go isa ditlamelo gautshwane le batho, ke sone se dikokelo di le 543 mo go tse 700 mo lefatsheng leno di fa batho dithuso tsa di ARV.
A re go atolosa dikokelwana go tla bo go tla le kago ya matlo a bodiredi. A re puso e tsere tshwetso ya gore dikago tshotlhe, go balelwa le matlo a badirela puso a tsenngwe motlakase. A re dituelo tsa ba Ipelegeng le tsone di tla okediwa mo bogaufing, le fa go ntse jalo ga a bolela gore go tla oketswa ka bokae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Feb 2014






