Breaking News

Modulasetilo o lela ka tiego ya ditelesesetso

27 Feb 2014

Modulasetilo wa Khansele ya kgaolo potlana ya Mabutsane, Rre Barunyane Rantalajwe a re ga a itumedisiwe ke  thulaganyo e e bonya ya go neela bagwebi diteseletso tsa go epa lekgarapana mme seo se bakile gore go dirwa ga ditsela tsa  motse go nne bonya.

E rile a buwa kwa phuthegong ya khansele potlana eo bosheng, Rre Rantalajwe a bolela fa seo se ketefaletsa ditlhopha tse di dirang tsela tiro. O boletse gore se ga se bothata jwa mo Mabutsane fela, mme ke bothata jo bo lebaganeng kgaolo yotlhe mme go dira gore dikgaolo potlana dingwe di palelwe ke go dirisa ditlhopha tse di tshelang lekgarapana mo tseleng jaaka ba ne ba solofetse .

Rre Rantalajwe legale o tlhalositse fa ba solofetse ditlhopha tse di tshelang lekgarapana mo tseleng  kgwedi e e tlang ebile go solofetswe gore tiro e simologe mo go yone paka e.

O boletse gore le fa mo metseng e mengwe  tsamaiso ya go tsaya diteseletso tsa go epa lekgarapana e santse e le kwa tlase, ba solofela gore tiro ya kwa Thankane e tlaa simologa mo go yone paka e fa moithaopi a sena go ntsha lekgarapana.

A re ka lesego moithaupi yoo ebong Rre Onkelame Tlhokwane wa polasi nngwe e e gaufi o ithaopetse go ntsha lekgarapana le le tswang mo polasing ya gagwe  gore le ye go dira ditsela.

A re lephata le setse le simolotse dipaakanyo tsa go dira tiro ya kwa Thankane mo go yone paka e.

Rre  Rantalajwe gape o ne a ikuela mo makhanselareng a gagwe go thusa kgaolo potlana go bona kana go sika lefelo le go setseng go epiwa lekgarapana mo go lone gore le thuse.

O ba rotloeditse go senka dikhuti tse di nang le lekgarapana la seemo se se kwa godimo ebile beng ba mafelo ao ba na le dipampiri tse di tlhokafalang gore khansele e kgone go reka lekgarapana mo go bone.

Mo dikgannyeng tse dingwe, modulasetilo wa khansele potlana o ne a bolelela phuthego gore kepo ya ditlhare kwa metseng ya Sese le Khakhea e e neng e kile ya emisiwa ntateng ya go tlhoka go duelwa ga badiri, jaanong e boetse gape.

O tlhalositse gore babereki ba ne ba thapilwe lebaka la malatsi a a masome mararo  go simologa ka10/02/2014  go fitlha 21/03/2014 mme ba solofelwa gore ba bo ba setse ba dirile sekgala sa dikhilomithara tse pedi mo metseng e mebedi eo fa lebaka la bone la tiro le wela.

O boletse gape gore khansele-potlana eo e ikaelela go fetisetsa morwalo wa go olela matlakala mo dikhamphaneng tse di ikemetseng mo ngwageng o o tlang wa madi.

A re go dira jalo go tlaa thusa go neela beng gae dithata tsa itsholelo le gone go tokafatsa itsholelo ya kgaolo potlana.

Ka one mabaka a a ntseng jalo, o ne a rotloetsa ba-na-le seabe botlhe go tshwaragana mme ba bone gore ba bone gore tsela ba tsaya efe go tlhomamisa gore tiro e e a dirwa le gone gore ditshenyegelo di tlaa busiwa jang. 

Rre Rantalajwe o ne a amogela gore kolelo ya matlakala e tokafetse fa esale go dirwa ke dikompone tse dinnye le tse di fagare mo metseng e le boferabongwe mo kgaolong potlana eo.

A re go santse go setse tiro e ntsi gore e dirwe mo kgaolong potlana eo yotlhe bogolo thata ka maikaelelo e le go phatlalatsa tsamaiso ya go nna jalo mo metseng e mengwe  e e setseng fa madi a le teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MABUTSANE

Event : Phuthego ya khansele-potlana

Date : 27 Feb 2014