Breaking News

Batsadi ba tshwanetse go gagamatsa tlhokomelo

11 Feb 2013

Batsadi ba kopilwe go tlhwaafalela tlhokomelo ya bana ba bone.

Moeteledipele wa setlhopha sa bomme sa Mosadithari kwa  Masunga, Mme Tiny Chikadzi o boletse fa go dira jalo ele go netefatsa gore bana ba sireletsegile mo go sepe se se ka ba tlhagisetsang kotsi le mo dipuleng. 

Mme Chikadzi, yo mokgatlho wa bone o lebaganeng le go tsibosa bomme ba ba kwa magaeng ka mosola wa bone mo itsholelong ya lefatshe, o ne a  kaya fa dipula tsa monongwaga di nele thata mme di solofetswe go tswelela di gosomana, ka jalo bana ba tlhokana le tshireletso e e kwa godimo.

A re bana ba rata go thuma mo dinokeng, mme se, se diphatsa mo matshelong a bone ka ba ka betwa ke metsi. O ne a tswelela ka go re go botoka gore motsadi mongwe le mongwe yo o fitlhelang bana ba thuma mo dinokeng, matangwana kgotsa makadiba, a letse thupa go sa kgathalesege gore a ke ba gagwe kgotsa jang, a re ngwana ke wa setshaba.

O file sekai gore bosheng jaana, mosimanyana yo o dingwaga di lesome le boraro o ne a tlhokafala morago ga go wela mo lekadibeng kwa nokeng ya Ntoba. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Lucky Doctor

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 11 Feb 2013