Breaking News

Balemi ba rotloeditswe go emela masimo ka dinao

27 Feb 2014

Radijwalo wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Gositang Kangangwane, o kgothaditse balemi go ema ka dinao, go tlhokomela temo ya bone.

Rre Kangangwane o buile mafoko a kwa letsatsing la go etela masimo le go rutuntsha balemi kwa mas

Radijwalo wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Gositang Kangangwane, o kgothaditse balemi go ema ka dinao, go tlhokomela temo ya bone.

Rre Kangangwane o buile mafoko a kwa letsatsing la go etela masimo le go rutuntsha balemi kwa masimong a Mmabogopa. O tlhalositse fa maikaelelo a leeto leo, e ne e le go etela masimo a balemi ba ba farologanyeng, ba tsamaya le ba bangwe go rutuntshana ka methale ya temo leka fa ba ka tokafatsang temo ya bone ka teng.

A re gantsi balemi, bogolo jang ba bagolo, ba dumela ka go bona; ke ka moo ba boneng go le botlhokwa go rulaganya leeto leo. Moono wa letsatsi leo ene ele, ‘tiriso ya methale e mesha ya temo-tokafatso thobo’.

Rre Kangangwane o ne a kgothatsa balemi gape gore ba itlwaetse go nna kwa masimong a bone go tlhokomela temo ya bone. A re molemi o tshwanetse go nna teng kwa masimo go simologa fela ka nako ya go lemiwa, go bona gore a raterekere o mo lemela sentle, le go tlhomamisa gore go jwetswe peo e a e batlang.

O ne a gakolola gape gore go nna teng ga molemi kwa masimo go thusa fela thata ka go laola mohero, a tlatsa ka gore mohero o batla gore fela fa o tswa o ise o gole o bo o tlhagolwa go itsa gore o die peo.

O ne a tlhalosa fa mohero wa mono ngwaga o le montsi fela thata ka dipula di nele di le dintsi e bile ka lobaka, mme o ne a gakolola balemi go dira fa ba ka kgonang teng go o fokotsa.

Rre Kangangwane a re thobo ya ngwaga one e ka nna ntsi fela fa balemi ba ka ema ka dinao go bona gore ba tlhokomela dijwalo le ka go di fa menontshane e e tshwanetseng. O ne a lebogela balemi ka bontsi gobo bane ba utlwa dikgakololo tsa bone mme ba lema ka ditselana, le ba ba neng ba sa dirise diterekere tota.

A re go lema ka ditsela go thusa thata fa go setse go tlhagolwa le fa go tshelwa menontshane. A re go dirisana mmogo ga balemi le ba ofisi ya bone go mosola fela thata, mme a tlatsa ka gore diofisi tsa bone di nna di butswe.

Loeto leo la masimo le ne le akaretse masimo a ga Rre Moji Moaro, yo ene go neng go rutwa balemi ka twantsho ya mohero wa bojang jwa motlhwa. Rre Oetla Molelwane yo ene a neng a tlhalosetsa balemi ka temo ya gagwe le mefuta ya temo e a e dirisitseng e tshwana le ya go rothisa.

Kwa bofelelong balemi ba ne ba etela masimo a ga Mme Oabona Lesetedi yo ene a neng a ruta balemi ka go tshela monontshane oo godisang dijwalo.

E rile a tswa la gagwe, radijwalo wa kgaolo ya Legare, Rre Kago Bowe, a tlhalosetsa balemi ka lenaneo la Agricultural Service Support Project (ASSP), le le simolotsweng ele ka ditekeletso, lebaka la ngwaga tse tlhano.

Rre Bowe o ne a tlhalosetsa balemi gore lenaneo le le itebagantse le balemi ba ba botlana ba tshwana le bomme, banana, balemi ba ba lemang ka ditonki ga mmogo le balemi ba ba hirisang.

O ne a tlhalosa gore lenaneo le le thusa balemi ba ba ikiteileng sehuba gore ba tsena mo temong, mme ba thusiwa ka ditselana tse di ka tokafatsang thobo ya bone di tshwana le go tselelwa menontshane, go lwantsha mohero le go fiwa dipe.

O ne a kopa balemi go tsaya thuso e ba e fiwang ke balemisi le boradijwalo tsia, a re ke gone fela ba ka kgonang go tlhabolola thobo ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Thutuntsho ya balemi

Date : 27 Feb 2014