Breaking News

Ba utwsile koloi mo mapodising

26 Feb 2014

Mogolwane wa mapodise a Maun, Superintendent Kenanao Badumetse a re ba tshegeditse borre ba le babedi ba Maun mabapi le go utswiwa ga koloi e e neng e santse e tshegeditswe ke ba sepodise ka dipelaelo tsa go dirisiwa go utswa dipudi.

Supt Badumetse a re tiragalo eo e diragetse ka Hirikgong  a le masome a mararo le bongwe morago ga gore bobedi joo, jo eleng motho le morwa wa gagwe ba ba dingwaga di 49 le 22 ba tshwarwe mo sekganeding sa tsela morago ga koloi eo e sena go tsewa kwa di ofising tsa mapodise go kgaotswe kgorogorwana.

A re e ne e rile go le pele, ba begelwa fa go na le dipelaelo tsa gore koloi ya modiro wa Toyota Corolla e bonywe e tshotse dipudi tse pedi tse go belaelwang e le tsa bogodu.

Mogolwane oo wa sepodisi o tlhalositse fa e ne yare mo patlong ya koloi eo, ba e fitlhela fa thoko ga tsela gaufi le motse wa Sexaxao le dipudi di bolailwe mme go se ope mo teng.O tlhalositse fa e rile morago koloi ya utswiwa mme ba tlhoma dikganedi tsa tsela mo ditseleng tsa Maun.

Supt Badumetse a re seo se ne sa bereke ka ke fa ba e tshwere e tsamaya ka bone banna bao, mme o tsweletse a re bobedi joo bo tla a lebisiwa molato wa bogodu jwa leruo le wa go senya dithoto tsa puso le go tsaya koloi ditlhotlhomiso di ise di wele e bile ba sa e neelwa ke ope. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 26 Feb 2014